BNF e tlotla Koma

Koma
Koma

E tlaare mafelo beke a re a lebileng,phathi ya ga Puophaa (BNF) e bo e thibeletse kwa motseng wa Mahalapye, maikaelelo ele go tlotla Ngaka Kenneth Koma morago ga go tsaya sebaka se seleele ba solofeditse go dira jalo.

Koma o ne a simolola a bo a etelela phathi ya BNF ka sebaka.

O ne a tlogela BNF morago ga dintwa tsa ngwaga wa 1998 tsa maraganateng kwa Palapye.Koma o tlhokafetse ka ngwaga wa 2007 e le leloko la New Democratic Front (NDF) e ne e simolotswe ke mangwe maloko a ne a tswa mo BNF.  Fa a lekodisa Naledi ka ditiragalo tsa mafelo a beke kwa Mahalapye,moanamisa mafoko wa BNF, Moeti Mohwasa a re thulaganyo e tla simolola ka moletlo wa dijo le dino ka Labotlhano o o tlaabong o tshwaretswe kwa hoteleng ya Mahalapye Cresta, go simolola ka nako ya bosupa maitseboa.  O boletse fa sebui sa tlotla gone kwa moletlong o e tla bo e le moeteledipele wa lekgotla la babereki la BOFEPUSU, Johannes Tshukudu. Mohwasa a re ka tsatsi la matlhatso a makuku a naka tsa kgomo,moeteledipele wa BNF Duma Boko a bo a apola letlapa la ga Koma. Morago ga foo, BNF e tla tlhanasela le mebila ya motse wa Mahalapye ka motseletsele wa dikoloi mme o tla wela ka phuthego ya phatlalatsa ya sepolotiki gone kwa Mahalapye.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up