Babereki ba lekalana la dipatlisiso ba duetswe � Ralotsia

Tona wa Lephata la Temothuo le Pabalelo dijo, Patrick Ralotsia a re dithulaganyo di dirilwe tsa go duela babereki ba lephata la gagwe kwa Sebele, dituelo tsa go bereka morago ga nako e e dumalanweng.

Ralotsia, yo gape eleng Mopalamente wa Kanye-Bokone, a re kgatelopele e ne ya diriwa go romela madi mo letloleng la lekalana la dipatlisiso tsa temothuo la lephata la gagwe kwa Sebele go duela babereki.  Tona Ralotsia, buile jaana kwa palamenteng ka Mosupologo a re, tiego ya go duela bangwe ba babereki kwa lekalaneng leo kwa Sebele, e bakilwe ke letlhoko la madi mo letloleng ka dikgwedi tsa Phatwe, Lwetse le Phalane ngogola.

O ne a araba potso e tswa mo Mopalamenteng wa Gaborone-Bokone, Haskins Nkaigwa.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up