Banna, iketleleng Basadi

Tirafalo e go bolelwang e dirafetse kwa Gaborone Bus Station mo malatsing a a fetileng ale, e maswe thata, e bile e a hutsafatsa.

Ga twe, mosetsana mongwe o ne a apolwa mosese (sekete) ke banna bangwe, mme ka fa teng ga fitlhelwa a sa ikatega. Se,  ga se selo se sentle. Mmele wa motho ke sephiri sa gagwe. Ga o a tshwanela go bonwa ke ope, o sele , fa e se fela ka mabaka mangwe, jaaka a bongaka. 

Le fa go ntse jalo, ga twe bangwe ba ba neng ba le foo ka nako ya tiragalo eo, ba ne ba phuthega go tla go bona. Ga se ka ga felela foo. Bangwe ba e tsaya ka maranyane a facebook, ba romelela ditsala tse le tsone di neng tsa nna tsa e fetisetsa pele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up