E a komakoma kwa Radisele

No Image

RADISELE: Kgang ya bogosi jwa motse wa Radisele e tsere phekelo e sele. Se se tla jaana beke e e fetileng fa morafe wa motse oo, o ne o bolelela Mothusa kgosi ya Palapye, Michael Maforaga, le Mothusi wa gagwe, Keetla Masogo, matlho a phage a lebanye gore, ga ba na go letlelela go tlhophelwa kgosi ke ope.

Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke barongwa bao ba bogosi jwa Ga Mmangwato bosheng, mme e ne ya re a rola mafoko a thomo, pele ga morafe o mo tsena ganong, Kgosi Michael Maforaga a bolela fa ba tsile phuthegong eo ka pitso ya morafe, mme kgang kgolo e le go batla moeteledipele wa motse.

Kgosi Maforaga o ne a bolela gore, e rile ngogola, morafe wa Radisele wa ntsha maina a le mane, e leng la ga Shatani Mmereki, Phillemon Motswasele, Gomolemo Baoliki le Michael Motshidi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up