Chouka e batola Matjimenyenga

PALAPYE: E rile bosheng, bangwe mo mafaratlhatlheng a Facebook, ba kaya fa setlhopha sa Tafic se le gaufi le go fenya, le go tlhatlogela kwa liking ya BTC, morago ga gore se nne se tshameke sentle, se bo se fenye, mo pakeng eno ya liki ya Debswana, kwa bokone.

Ya re bontsi bo solofetse gore Tafic e tlaa netefaletsa balatedi le barotloetsi ba yone gore e tlaa fenya, e bo e goroga kwa liking ya BTC, Motlakase Power Dynamos ya e lalela ka selaga ka mafelo a beke. Chouka ya dira jalo ka go batola Matjimenyenga dino di le tharo go e le nngwe ya Tafic.

Mo motshamekong o o neng o kgatlha thata ka Tshipi, Chouka ya fetola lebala la Swallows kutla ya selaga ka go kgaupetsa motseletsele ya diphenyo tsa Tafic, mme mosepele wa balatedi le batshameki ba Tafic, go boela Francistown, wa nna moleele e kete ba ya Kasane.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up