Ba Ghanzi ba tlaa agelwa lebala la Metshameko

No Image

Mothusa tona ya Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko, le Ngwao, Kefentse Mzwinila, a re tsotlhe di apere tshiamo mabapi le tsholofetso go banni ba Ghanzi ya go agelwa lebala la metshameko.

Mzwinila o buile jaana bosheng kwa palamenteng e e tsweletseng, a re lephata la gagwe le tshwaraganetse tiro e, le lekgotla la 2012 OlympicAfrica International Foundation. A re tiro e, ya go aga lebala, e tlaa simololwa monongwaga jaaka go rulagantswe. O boletse fa lefelo le go tlaa agiwang mo go lone le setse le bonwe,le one madi a go aga a setse a le teng.

Tona Mzwinila, yo gape e leng Mopalamente wa Mmadinare, a re baemedi ba OlympicAfrica International Foundation ba tlaa etela mono Botswana ka Moranang monongwaga, ka maikaelelo a go tla go sekaseka lefelo le go kopana le banaleseabe, go balelwa le puso ya Botswana, e emetswe ke lephata la gagwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up