Mamoja e faposa Stimela mo Seporong

No Image

FRANCISTOWN: Maiteko a BR Highlanders a go itlhoma kwa setlhoeng sa liki ya bokone ya Debswana, a tsweletse ka go retela morago ga tshimologo e e bokoa ya tikologo ya bobedi ya liki ya Debswana ya bokone.

Highlanders kana Stimela jaaka e tlwaelesegile go bidiwa ke balatedi ba yone, e simolotse tikologo ya bobedi e loma serota TAFIC kana Matjimenyenga, ele mo maemong a bobedi mme ditlhopha tsoopedi di lekana ka dintlha.

Morago ga metshameko e mebedi, Stimela jaanong e setse TAFIC morago ka dintlha tse tharo. Mo motshamekong wa ntlha wa tikologo ya bobedi, basimane ba Mahalapye ba ne ba pega Maun Tigers mabele a podi go ele nngwe. Ka mafelo a beke a re tswang mo go o ne, setlhopha se sengwe sa kwa Francistown sa Ecco City Greens kana Mamoja diski, se ne sa ikgaratlhela le go rontsha Stimela dintlha tse tharo ka go tshameka maleka a lefela setlhopha.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up