Therisanyo le mabutswapele ke konokono � Balopi

Kagiso Molatlhegi le Patrick Balopi
Kagiso Molatlhegi le Patrick Balopi

Lebutswapele la dipolotiki tsa Botswana la phathi ya Domkraga(BDP), Patrick Balopi, a re maloko a yone ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go e nonotsha le go ema boeteledipele nokeng.

Balopi o buile jaana bosheng kwa ntlolefalafala ya kgaolo ya Gaborone Bophirima. O gakolotse Madomi go sa kgoba kgetsi mme ba itharabologelwe. Balopi, yo gape eleng monnasetilo wa khansele ya Bagolo ba BDP, a kile a nna mopalamente wa Francistown le go nna Mothusa Motsamaisa Palamente ya Botswana, a re bagolo ba phathi ba segile tema e e tshwanetseng ya tlhabololwa gangwe le gape ke banana ba ka jaanong ba tshwereng teu ya boeteledipele jwa phathi mo makalaneng a yone.

Balopi o tlhalositse fa therisano le mabutswapele a phathi ele botlhokwa. A re ka ditlhopho tsa 2009, bagolo ba ne ba supa matshwenyego a go gotlhagotlhana ga maloko mangwe le baeteledipele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up