Re ntse re bua ka 'go jela..'

E rile re tlhalosa lenatetshapuo le, ra tsaya sekai ra re, Kgabutlwe o dikile a lemile mme fa a tla go roba, a se ka a bona thobo epe e e kalo. A bona fela mo go lekanyeng gore, ene le bana, ba bone go tlhola ba jele, mme le maitseboa, ba se lale fela, ba bone go lalela. Re ne ra re, fa seemo se ntse jaana, e tlaa re Kgabutlwe a bua a re, o dikile a lemile mme fa go rojwa, a bona fela ga go jela mo ganong. Jaaka re buile, Kgabutlwe o tlaa bo a raya gore, o robile fela mo go lekanyeng gore bana ba je, ba se tloge ba ya le naga ba re ba tshabile tlala.

Gompieno re tlaa nne re tswelele re bue ka ’go jela…..’ mme re tlhalosa gore, go jela ganong, ga se fela ga motho a gannwe ke temo, a sa roba mo gontsi, kana a ganwa ke loruo, lo sa ate, kgotsa lwa ntsifala, jaaka a eletsa. Re itse gore, temo thuo, ke tiro e e bokete, e e batlang gore fa motho a e dira a tlhoafetse, a bo a na le diatla tse dintsi; ke gore,  batho ba ba ka mo thusang. A Motswana ga a rile moatlapedi ga a she, a raya gore fa motho a na le ba ba mo thusang, ga a imelwe ke tiro. Fa o le molemi, o le morui, mme o se na ba ba ka go thusang, o tshwanetse wa itekanya morwalo.

Jaanong, batho bangwe ba a lema, mme ka ba bona ba se na ba ba ka ba thusang, ba lema fela mo go lekanyeng go tshetsa bana mo lwapeng. Ba bangwe ba ruile mme le bone ka go bona ba le babotlana, ba ruile fela mo go lekanyeng go tshetsa bana. E re go twe bana ba letse le tlala, a se ke a tlhole a leba gope kgakala, a tsene mo sakeng, a goge podi ka tsebe, bana ba lale ba nole metsi. Batho ba go nna jaana, e tlaa re go buiwa ka temo thuo, bone ba re, ba lemela fela go jela ganong; ba loruo le bone ba bue fela jalo, ba re, ga ba a rua ga sepe, ba ruetse fela go jela ganong.

Motho wa go nna jaana, ga a reye gore, o gannwe ke temo. Ga a reye gore, e rile a roba, a se ka a bona sepe se se kalo. Wa loruo le ene fela jalo; ga a reye gore, o ganwa ke loruo, ga lo ate jaaka a batla. Nnyaa. Motho yo o raya gore, ene o lemela go jela mo ganong ka a bona go se na ba e ka reng a lemile mo gontsi kana a ruile mo e reng di bolola di bo di tsosa dithole, ba mo thuse.

Ene o lemela go jela ganong, o ruetse go jela ganong, ka o batla go itekanya morwalo. O lema mo e tlaa reng a tlhagola, a leta, a roba, a dira tiro e yotlhe, a se ke a lele a re, ga a na yo a mo thusang. Ka loruo le gone go nne fela jalo, morui a batle go itekanya morwalo. Motswana a re, o se di ge, wa di tlatsa kgama, di se na morwadi.

A nne a fetele pele Motswana a re, go na le go jela mo isong. A mme motho o ka jela mo isong, a tsholela jang mo isong? E le gore dilwana tse di jelang, tse bangwe ba reng ke dijana, fa tsopa la maloba lone, dilwana tse di sa ntse di dirwa/betlwa ka logong, le ne le di bitsa megopo le megotswana, di le kae? A kgotsa go rewa motho yo a jela fa tlase ga leiso, a tshabile serame? Bangwe ba ka botsa jalo, fela jaaka wa nako ele, e re a bodiwa gore morokotso ke eng, a re ke interest. A bo a latlhegie ka go ne go buiwa ka morokotso wa kgomo. Nnyaa, go jela mo isong, ga go re reye motho a a ja a le fa tlase ga leiso le fa moo gone go ka direga.

Re itse gore, go na le dijo tse e reng di apeilwe, di ise di butswe, go nne go tsholwe, go inolwe. Fa e le nama, go twe go utlwiwa letswai. Dingwe go twe,  go a phailwa, bangwe ba re ba a shashola, go utlwa gore a di budule, di wetse sentle. Fa e le nama, go tlaa nna go inolwe, go inolwe, fela jalo, go utlwiwe letswai. E bo e le gone fa dijo di tlaa fela di ise di butswe, go ise go tlhatlolwe, ga fiwa batho. Fa dijo di setse di budule, go tlhatlolwa, go tsholwa, go fitlhelwe tota go se na sepe.

E  re go direga jaana, Motswana a re, pitsa e jelwa, e jetswe, mo isong. Ke gore dijo di jelwe di sa ntse di apeilwe, go ise go butswe, ga tlhatlolwa, ga tsholelwa batho. Fa e le nama, e re ba ba neng ba apeile ba iphemela ba re, molato ga se wa moapei, nama e a re go butswa, e ngotlege. Bangwe ba re, kgomo ga e nene, batho re atile. Tota seo, e se nnete, pitsa e feletse mo isong ka go nna go  utlwiwa letswai, le gore, a go budule.