Boipuso bo a ngtlla

Se ya bo ele go agela mafoko a ga Kgosi Keetla Masogo wa Palapye mosako kwa Kgotlengkgolo ya Palapye ka mafelo a beke, kwa go neng go ipelelwa boipuso teng.

Mo puisanyong le Naledi ka tlhaeletsanyo ya mogala morago ga moletlo, Kgosi Masogo o boletse fa dingwaga tsa maloba boipuso bone bo ketekwa ka ditsela tse di farologanyeng jaaka gone go opelwa dipina tsa setso le tsa dikhwaere, metshameko ya ngwao, mme kgabagare le go ya dinakong tsa lotlatlana, go nne le maitiso a mmino wa dipina tsa badiragatsi ba bogolo tsa mosakaso, mme bagolo le bana ba je motwane.

Kgosi Masogo a re ngwaga ono, o nnile o o pharologanyo le dingwaga tse dingwe. A re, barulaganyi bane ba bona go le botlhokwa go isa boipuso kwa di kgotlaneng go na le jaaka pele kwa goneng bo ipelelwa boipuso kwa Kgotlengkgolo.

A re, bagolo ba motse wa Palapye bane ba sa tlhole ba bonala kwa kgotleng ka letsatsi leo, ka ntlha ya bo kgakala jwa malwapa a bone le mosuke o montsi ka lone letsatsi leo kwa kgotleng. O tsweletse a re, tota moono wa se, e ne e le go leka go fa batho monyetla wa seabe go itirela ka letsatsi la boipuso.

A re gape, go dira jalo go itumedisitse Batswana ka kakaretso ka go supile fa mekete ya boipuso mo dikgotleng tsotlhe tse di lesome le boraro e tsamaile sentle.  Masogo o boletse fa dikgotlana tsotlhe dine tsa abelwa dikete di le borataro (P6,000) tsa dipula. A re, ke madi a neng a reka dijo tsa letsatsi leo, go akaretsa dikgomo le dipodi go jewa ke morafe.

Ya re a gakololwa gape ipelo ya boipuso ya maloba, Masogo a re ipelo ya boipuso jwa maloba ga bo sa tlhole e tshwana le ya maloba.

Masogo a tlhabologo ya dile dintsi e na le seabe mo go sa ipuleleng boipuso jaaka maloba, a bolela gape fa jaanong batho ba setse ba na le mekgaphe jaaka manyalo le go ya diphuthegong tsa dikereke.

A re fa ele bana bone, bangwe ba itlhokomolosa mosola wa letsatsi la boipuso ka go inaakanya le ditiro tsa borukhutlhi mme semo sa go tshwana le se, se ngoke matoditodinyana fela a batho kwa di kgotlaneng.