Setorp se tla a gagamadiwa

Modukanele o boletse se mo potsolotsong le Naledi ka mokwalo gore, puso e its ka seemo se se sa itumedisang sa dikhombi tsa setshaba. A re lephata la gagwe le tsweletse ka go rerisanya le banaleseabe mo mohameng o, gore tselapedi go ka tsewa efe, go tokafatsa boleng jwa dikhombi le Bodiredi jwa tsone.

Karabo ya ga Modukanele, e tla jaana morago ga gore setshaba se ngongorega ka seemo sa dikhombi se se makgasa, le go sa itekaneleng ga tsone ka kakaretso. Le fa go ntse jalo, Modukanele a re go rulaganngwa ga dipitso, ke mangwe a maiteko a go tsibosa bo radikhombi ka botlhokwa jwa go tlhokomela dipalangwa tsa bone.

“Bosheng jaana re ne ra kopana le balekane ba rona go tswa Aferika Borwa ka maikaelelo a go ntshana se inong ka methale ya go tokafatsa dipalangwa tsa setshaba, bogolosegolo tse di rwalang batho go tlola molelwane,” Modukanele a rialo.

O tsweletse a re ntswa ba itse ka seemo sa go tlhokomelwa ga dikhombi mo Botswana, mme sebe sa phiri ke gore letlhoko la madi le ba ketefaletsa go simolodisa mananeo a go rarabolola seemo seo.

Modukanele o tsweletse ka gore, boradikhombi ba laolwa ke molawana wa mesepele wa Road Transport Act (RTA) le wa diteseletso wa Road Permit Act (RTPA), ka jalo dikotlhao tse di maleba di tla gagamaletswa bao ba ba ikgatholosang ditemana tse. O boletse gape fa ba le mo thulaganyong ya go tseela dikgato bao ba ba rwalang setshaba ntswa ba sena diteseletso.

Naledi e ne ya ralala toropokgolo ya Gaborone mme ya kopa maikutlo mo sechabeng ka seemo se sa dikhombi. Rre Clint Gwere, yo areng o dirisa khombi ka nako tsotlhe, a re ka tebo ya gagwe, o lemoga diphetogo dingwe mo malatsing ano, mme a re gongwe seemo se dirwa ke gore kgwebo e setse e dirwa ke batho ba le bantsi, ka jalo phadisanyo e ntsi.

A re gape, go bo dikhombi dile dintsi, kgwebo le yone e a sokodisa mme beng ba dikhombi ba seke ba bone go baakanya dikoloi tsa bone.

Mme Boitumelo Kgaratsi, le ene a dirisa khombi ka nako tsotlhe, mme o boletse fa bontsi jwa dikhombi di sa itekanela. A re, dingwe di bolawa ke ditsela tse di sa tshelwang sekonotere jaaka tsa Mmopane Block 1, mme go turele beng ba tsone go di baakanya.

Kealeboga Makgabe a re ene ga rate boitshwaro jwa bakgweetsi ba dikhombi, tota le ba ba duedisang. A re bontsi jwa bapalami ba ngongorega ka go tshelegelwa ke mahura a diole mme fa ba leka go lemotsha bakgweetsi ka se, ba ba kgaphela diatla le go ba roga tota.

Fa rre mongwe, ene e le motlhoka ina ebile e le mmereki ka bone, a boletse fa badiri ka ene ba bakgweetsi, ba sa tlhokomele dikoloi mme ebile ba jela madi mo ganong go na le go tsibogela tse di tlhokwang go baakanngwa mo dikoloing tsa setshaba.