Nkgwana Irene Segokgo Thakadu, morg, morata ngwao

Kamogelo ke ya menyenyo, keletso metsi a pula a tswa phoisaneng mme mo puisanong le mme Segokgo, o gatelela botlhokwa jwa go tlotla ngwao e a reng fa e sa agelwe mosako e ka nyelela kana e tswe Batswana diphatlheng tsa menwana.

Nkuku o simolola ka go bolela fa ele ngwana wa ntlha wa ga Rre Tonki Pitlwane le Mme Baitshwenye Matlapeng ana le bo monnawe bale bararo. A re batsadi ba gagwe ba gorogile mo Bechuanaland go tswa kwa Aferika Borwa ka di nako tsa dintwa tsa maburu le merafe e mengwe bogologolo, mme ba iphalotsa go fitlhela ba thibelela gone mo Tlokweng. Nkuku Nkgwana a re o tsholetswe mo motseng wa Tlokweng ka ngwaga wa 1936 ebile o goletse mo go o ne kwa kgotleng ya Tshwene-Tshwene.

Mabapi le go itewa letsogo, mme Segokgo a re o tsene sekole kwa Batlokwa National go fitlha ka mophato borataro (Std 6) o gompieno eleng form 3, mme ao fetsa ka 1955. Ya re 1956 a thapiwa ke sone sekole se jaaka morutabana ka sebaka sa ngwaga. A ruta jalo bana ba mophato o o kwa tlase. Mme Segokgo a re o ne a tsweledisa go ruta kwa Mapoka ko bokalaka ka 1957 mme ya re ale koo a simolola go utlwa dintlha tsa ngwao jaaka a ne a nyalwa a sale monana ka 1958, a nyalwa jalo ke rre Makgeng Segokgo, yo a reng o ne a le motona thata mo go ene ka dingwaga.

“Ene ele ngwao ngwanaka, batsadi ba go batlela monna kana o utlwa fela gotwe boora semangmang ba gorositse mafoko. O ne o ka seke o gane mme o tsene mo nyalo,” mme Segokgo a tlhalosa jalo, gore kgabagare bopelotelele bone bo tlhokafala mme lwapa le ate.

A re o ne a tlogela tiro ya borutabana mme a inaakanya le temo-thuo go fitlhelela gompieno. Mme Segokgo a re o godisitse bana bale supa, banna ba bararo le basadi ba le bane. Mme Nkgwana o diga jalo sefatlhego gose go nene fa a tlhalosa ka loso lwa tsala ya gagwe ya bosakhutleng eleng rre Segokgo. A re o tlhokafetse ka ngwaga wa 1966, dingwaganyana fela dile borobabongwe ba nyalane ebile ele ka ngwaga o oneng otletse boitumelo ele wa boipuso go tswa kwa go mmamosadinyana.

Ka o ne motsotso oo, Mokwadi o lopa Mme Segokgo go sedimosetsa mmadi wa Botshelo ka tseo ya Setlokwa. A supa jalo menyenyo fa a simolola mme a gopola dingwaga tsa bonana le ditao tsa bagolo nako eo.

“Eish nyalo ene e pateletswa ka dinako tsa rona ngwanaka mme le fa gontse jalo nyalo, ya Batlokwa e pharologanyo le tse dingwe. Ngwana wa mosimane o simolola ka go bolelela batsadi ba gagwe kwa lapeng eleng mme rraagwe le Mmaagwe gore o bone mosadi. Batsadi fa ba sena go utlwa mafoko ka ngwana wa bone ba rwala ditlhako go latela boora mosetsana go ba rolela mafoko a,” a tlhalosa jalo mme Segokgo, mme fa batsadi ba sena go dumalana, ba gabo mosetsana le mosimane ba rulaganya pitso e e bidiwang ya ditlhogo. Ke ka nako e bo malome le rrangwane ba nnang le karolo e tona mo thulaganyong ya patlo le lenyalo.

Mme Segokgo a re pitso e e nnela mo lwapeng mme bana le bone ba gwetlhwe mme fa go sena go dumelanwa ele botsadi fela, go bidiwe morafe go tla go bolelelwa ka ditshwetso tsa thulaganyo ya lenyalo. Fa letsatsi la patlo le goroga rrangwane le bo malome ba patwa ke botsadi gotswa mo morafeng go ya gabo mosetsana. Patlo e e direlwa teng, mme go utlwale ka mogolokwane mo makukung a naka tsa kgomo, se ele go lemotsha morafe ka tumelano ya tseo.

“Patlo e tsenelelwa ke banna le basadi, mme tiro e e dirwa banyalani ba seo foo mme ebile e dirwa ka phakela o motona wa makuku. Letsatsi leo go apewa dijo ka go farologana mme morago ga moo, bana ba bidiwe ka bobedi jwa bone go tla go itumela le morafe. Mme fa ba sena go goroga, wa mosimane o botswa dipotso ka mosetsana o wa gagwe gore o bidiwa mang le gore o tswa kae. O botswa dipotso tse ke morafe.

Ya re ekare letsapa le a ikgorosa, puisano ya batla go kgaupediwa ke se mme Mme Nkgwana a fetola madulo mme a tswelela ka gore bogadi botswa goolowe ele dikgomo tse nne fela, ele nngwe ka madi ele P250. “Segompieno re bona batho ba kgona go oketsa goya ko go tse bofera-bobedi le madi a teng a fetogile. Thata se se diragala fa Batlokwa ba nyalana le morafe o sele mme fa ba nyalana ka bo bone go dirwa ka Setlokwa. Mo dikgomong tse tsa bogadi malomaagwe mosadi o fiwa kgomo ele nngwe tse di salang ke tsa batsadi ba gagwe tsotlhe. Ngwana wa mosimane o ntsha sea nang naso mme rona batsadi ba gagwe re mo tlaletse,” Segokgo a rialo. 

Mme Nkgwana Irene Segokgo o khutlisa puisano e ka gore bogologolotala lenyalo le ne le felela ka patlo, mme gompieno banyadi ba tlhalosa gore ba batla go apara mosese o mosweu fa gongwe go bewe letsatsi la teng ka yone patlo. A re fa patlo e fela, wa mosetsana o tla nama setse kwa ga bone mmaagwe mme a fudugele kwa ga matsalaagwe fa lenyalo le sena go fela mme go dirwa kwa kgotleng kgotsa kwa ga molaodi. Morago ga moo, o isiwa kwa gaabo mosimane ke botsadi jwa gagwe, ba patilwe ke morafe mme e nne gone jaaka lenyalo le wetse.