Tshire o a lala

Tshireletso yo gape a tlwaelesegile ka leina la “Tshire” o boleletse Naledi ka Mosupologo gore o tsere tshwetso ya go tlogela sepolotiki gore a tle a itebaganye le ditiro tse dingwe tsa selegae jaaka ele mogwebi wa mmê. A re o tsweletse ka go laela batlhophi ba kgaolo ya gagwe a bolela fa go se bonolo go rola mafoko a.

Tshireletso o simolotse go nna mopalamente morago ga ditlhopho tsa 2009, a fenya kgaolo gape ka 2014. A re o tlogela tiro ya boemedi jwa sechaba ale motlotlo ka dikatlego tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe. A re dingwe tsa ditlhabololo tse dineng disa mo robatse ke tsa ditsela mme a itumelela gore jaanong dingwe tsa tsone di akareditswe mo lenaenong la ESP le lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe (NDP11).

Dingwe tse Tshireletso a di lebogelang le ntswa di santse di mo iteisa lesokolela, ke go tlhoka go emana nokeng ga bomme fa go tla mo kemeding ya sepolotiki. O tlogela maemo a gagwe a bopalamente a ne a bona kemonokeng ya basadi ka ene jaaka Dr Pelonomi Venson-Moitoi, Dorcas Makgato le mapalamente a mangwe a a itlhophetsweng ke Tautona Khama jaaka Dr Unity Dow le Bogolo Kenewendo.

A re o dirile ka lorato le tirisanyo mmogo le mopalamente wa pele wa Tlokweng moswi mme Same Bathobakae wa BNF (UDC) yo o tlhokafetseng ngogola.  “Go santse go tla itshupa mo isagong gore Kenewendo o tla iteka lesego mo go iteisaneng borathana le ope fela mo ditlhophong tsa 2019 go oketsa palo ya bomme kwa palamenteng,” Tshireletso a eletsa jalo. 

Mo dingweng tsa dingangisano tse Tshireletso aneng a reediwa thata mo go tsone fa ale kwa palamenteng, o boletse fa atla tswelela a rotloetsa mekgatlho e e inaakantseng le ditshwanelo tsa batho le tekatekano ya bong. E rile ngwaga o o fetileng o ya bokhutlong, kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la BONELA, Tshireletso a bolela fa a tla seke a emele ditlhopho tsa 2019 mme a ikaelela go bereka makgotla a tshwana le la BONELA le amangwe fela jalo.  A re o tswa kgakala a na le kgatlhego ya go inaakanya le mekgatlho ka a re ditiro tsa o ne di itebagantse le kgolo le tlhabologo ya motho kwa moding.  Tshireletso ke leloko la dikomiti tse di farologaneng kwa palamenteng le kwa mafatsheng a selel mme a re o tla dirisa dikitso tsa gagwe go lwela dikeletso tsa Batswana mo ditharabololong tsa dikgwetlho tse di amang bo mme, ngwana wa mosetsana, tota ke sa lebale ngwana wa mosimane,” a tlhalosa jalo Tshireletso. Tshireletso ke morotloetsimogolo wa lekgotla la motshameko wa bolotlowa mo Botswana (Netball) ga mmogo le wa bo mmalephontsha ba mafelo a a kgakala le ditlamelo (Miss RADP).