Mamoja e dira tshipidi-tonto
47121,Koketso Kgoboge,, | Monday May 30, 2016 00:00
Phenyo e ya Mamoja disk ke ya bobedi ka tatelano, le maleka a le mangwe mo metshamekong ele meraro e e tlhomaganeng mme e ba tsholetsa go tswa mo maemong a bo supa go ya ko go a botlhano mo lokong.
Mamoja e go neng go solofetswe fa e tlaa tsweledisa fa e tlogetseng teng morago ga go tsenya leoto le le lengwe mo liking ya BTCL paka e e fetileng, e simolotse paka e no ka go thulana le ditlhopha tse le tsone di gagamaditseng thapo go gwetlha bosimega. Le ntswa go ntse jalo, ka bonya ka bonya Mamoja e simolotse go totoba ka e ikatumetsa tse nne tse di kwa setlhoeng sa liki.
Mo motshamekong wa mafelo a beke Mamoja e ne ya kubugela baagisanyi mme Bonkgonne Matlhare a kopantsha thago ya ga Bangwe Mudongo ko koteng e kgakala go fa setlhopha sa gaabo ketapele motsotso wa bone fela morago ga motsereganyi Keabetswe Dintwe a kgadiepetse nakana ya gagwe go simolodisa motshameko.
Ka motsotso wa bo 17 motshwaradinno wa Tasc, Kutlo Motshwaedi a batlile a iphatlha ka diphuka, a tsietswa ke kgwele fela e e bonolo mme a itharabologelwa ka bofefo go sireletsa kgwele pele e tola mola wa dikwata tsa gagwe.
Tasc ya supa fa e se moretlwa wa mmamphula ke eme, ya bolotsa tlhaselo ya yone ka motsotso wa bo 28 mme e simolotsa neelano e tlhapileng go tswa mo sephatlong sa bone sa lebala, jaaka Mpho Mokhubami a ne thobisa Mogomotsi Mosweu ko letlhakoreng la molema. Mosweu a romela kgwele mo lebokosong la Mamoja, Ookeditse Elias a le nosi a seka a e lemoga sentle ka tlhogo, fa barati le barotloetsi ba Tango Boys ba neng ba solofetse go bona letloa le tshikinyega.
Mamoja ya gana go utlwa, mme metsotswana fela morago ga seo Bakang Malabola a thobisa lekawana la nomore ya borobabongwe, Mudongo, a tsaya mogagamola wa thago mme ya betsa kota ya boela motshamekong fa neng Motshwaedi a bone lefifi.
Ya re metsotswana fela motshwaradinno a sa ntse a le mo maibing, Jaffel Zhinyika a raga kgwele e bonolo, Motshwaedi yo go neng go lebega a sa tsoga sentle a makatsa babogedi a iphatlha ka kgwele mme motshamekapele wa Mamoja Omphile Batheri a tsapogela kgwele go oketsa dino a dira jalo nno ya bobedi ya Mamoja go lehela la Tango Boys. Morago ga boitapoloso motshameko wa simolola ka lebelo le le ko tlase mme Mamoja ya bo e le yone e bonang ditshono tse di mokawana go feta bomorwarrabone. Tango boys ya seka ya ipona tsapa ya tswelela ka maiteko a bone a go tsoma nno.
Ka motsotso wa bo 57, Tango Boys ya nna lesego e abelwa thago e khutshwane jaaka Godfrey Matlou a tshamekile ka botlhale a kapisa mokapoteni wa Mamoja Mosimanegape Mokiya a bo a mo tshwarisa kgwele ka diatla. Elias a tsaya kgwele mme a romela motshwaradinno wa Mamoja Boitumelo Sematla ko koteng e sele go fokotsa ketapele.
Nno e ya seka ya fetola motshameko mme Mamoja ya tswelela ka tomagano ya bone, ba ya kopelo mathata a bone ya bo ele go feleletsa ditshono. Tango Boys bone ba tshamekela fela fa gare ga lebala ba sa kgone go fitlhelela ko dikoteng tsa ga Sematla, Mamoja ya itshwarelela go fitlhelela Dintwe a kgaoganya ditlhopha tseo pedi.
Mokatisi wa Tasc, Isaiah Masole a re le ntswa ba latlhegetswe o itumedisiwa ke gore setlhopha sa gagwe se tlhabolotse tshameko ya bone go supa fa ba le mo motseleng e e siameng ya go ithulaganya. Molekane ka ene wa ECCO City Greens Texan Phiri o boletse fa a itumeletse phenyo le go bona setlhopha sa gagwe se atamela setlhoa lefa a tsweletse ka go teisa setlhopha.