Mapodisi a tlhotlhomisa polao ya Tshukudu

Mo potsolotsong le Naledi, mogolwane wa mapodise a Maun, Superintendent John Kelebeng, a re tshukudu eo e fitlhetswe e sule kgwedi eno e le malatsi ale borobabobedi. Kelebeng a re phologolo eo e fitlhetswe mo kgaolong ya Kurunxaraga ya NG30.

 A re se se makatsang ke gore ba e fitlhetse e na le tsotlhe tse di ngokang dinokwane tsa bogodu jwa diphologolo jaaka lenaka la yone le dikarolo tsotlhe.

Kelebeng a re ditlhatlhobo di ne tsa dirwa mme maduo a supile fa e hudilwe ka tlhobolo. A re le ntswa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, o kopile setshaba go ba loma tsebe ka ope fela yo o ka tswang a amega mo tiragalong e.

Le fa go ntse jalo, Kelebeng o boletse fa ba tshwentswe thata ke molato wa go utswa diphologolo o a boletseng fa o golela pele mo kgaolong ya gagwe.

Dipatlisiso di supile fa bogodu jwa diphologolo bo ya magoletsa mo Botswana bogolojang mo kgaolong ya Nhabe, kwa go nang le ditshukudu le ditlou tse dintsi.

Mo maitekong a go tsibosa setshaba ka bosetlhogo jwa go utswa diphologolo, e ne yare ka kgwedi ya Lwetse monongwaga lefatshe leno la inaakanya le a mangwe go rulaganya mogwanto o maikaelelo a one e neng ele go ruta setshaba ka tshireletsego ya ditlou le ditshukudu. Mme Thea Khama, yo eleng morotloetsi le Moemedi wa mokgatlho wa ‘OneVoieOneWorld’ o ne a bolela kwa moletlong o gore mo dingwang tse supa tse di fetileng, go setse go nyeletsa ditlou di ka feta masome mararo mo lekgolong la ditlou tsa Aferika, ka ngwaga wa 2015. Khama o boletse gape gore dipalo tsa dipolao tsa ditshukudu le tsone di godile thata mo dingwageng tse thataro ka go latelana. Mme ka ngwaga wa 2015 go bolailwe dile 1338 mo Aferika ka bophara. Khama o gakolotse Batswana go thusa puso mo go tsibogeleng borukhutlhi jwa diphologolo ka ele tsone tse di ka thusang go neneketsa itsholelo ya lefatshe leno mogang diteemane di felang.