Ka-Thuntsha o thuntsha lerole
52150,Edward Pekenene,, | Monday May 30, 2016 00:00
Ka-Thuntsha: Ahee...e!e ruri ga go akiwe fa go twe Modimo ga o je nkabo. Kana rona bosetlabosheng ga go motlhofo re etelwa ke babegadikgang.
Naledi: Ee rra. Ke kopa gore o itlhalosetse mmadi gore o mang?
Ka-Thuntsha: Ke nna Mooketsi Jimson wa dingwaga tse 22. Ke tlwaelesegile ka leina la Ka-Thuntsha, le ke le teilweng ke balekane bame ka ba dumela gore fa ke kitimetsa kodu ke opela, ke mokang ke thuntshang dithole tsa mmino go rokotsa bareetsi maikutlo. Ke ngwana wa bobedi mo baneng ba le barataro ba ga mme, moswi Dinah Jimson, mo kgotleng ya Kgomoyakepu mo Mosu. Ke kokomana ya monnamogolo mongwe yo o neng a rata ditso tsa Botswana a bidiwa ‘’King of Kings,’’ ebong Mogomela Mogomela.
Naledi: Bolelela mmadi ka botshelo jwa gago o remeletse mo bodiragatsing?
Ka-Thuntsha: Ke setlabosheng mo mminong mme alebamo yame e e monate e bidiwa ‘’O etla Jeso.’’ ke e simolodisa semmuso ka Moranang ebile ke setse ke e shasholetse bangwe ba ba e ratang thata gonne dipina tsa yone tse thataro di kwadilwe ka botswerere ebile di humile molaetsa le puo ya Setswana e e thololo. Ke e gatisitse kwa go Rre Phatsimo Poloko Ntesetsang wa PPN LINKS RECORDS kwa Letlhakane.
Naledi: Mmino wa gago o bidiwa mang ebile ke eng o opela ka Setswana ntswa malatsing ano batho ba ekaeka Seesemane?
Ka-Thuntsha: Ke dibela teme ya gaetsho rra ebile ke yone e ke itlhalosang sentle ka yone. Mme bareetsi le bone ba nkutlwe sentle ka ke segabone. Mmino wame ke borankana jo bo tswakantsweng le molodi wa kgalaletso (Gospel) mme go nne monate thata. Ga ke dumele mo dipineng tsa borankana kana tsa Setswana tse di nang le matlhapa.
Naledi: O kwala dipina tsa gago o lebile eng le gone a Batswana ba amogela moopelo wa gago?
Ka-Thuntsha: Fa ke diragatsa kwa meletlong ka go farologana batho ba a itsankula go supa fa ba amogela mmino wame ka bongwefela jwa pelo. Ke kwala dipina tsame ke lebile ditiragalo tsa botshelo ka kakaretso. Ke dipina tse di ka ratwang ke banana le bagolo.
Naledi: O simolotse leng go kgatlhegela moopelo ebile o bonye kae thotloetso ya madi go gatisa?
Ka-Thuntsha: Ke tswa bonnyeng ke rata bodiragatsi ntateng ya gore nkgonne yo ke mo lomang serota Rebaone ke mmoki. Le nna ke mmoki gape ke lesupatsela. Fa go ntse go ya ke tlhalefa ke ne ka kgatlhegela moopelo thata gona le poko mme ya re fa ke utlwa dipina tsa ga Magebula ka simolola go tlhwaafala go fitlha jaanong. Go gatisa ke kgwilwe kgaba ke malome Onalekitso Lethugile yo o neng a mpha podi go e rekisa. Ka fiwa P3000.00 ke tsala yame e leng Kebame Noni, Boteti Afro Scout Troupe le Tshepang Morolong. Ke ba lebogela go ntlodisa dinoka di tletse.
Naledi: O dirisa ditsela dife tsa go ipapatsa?
Ka-Thuntsha: Ke ipapatsa ka ditsela tsotlhe tsa maranyane a sesha jaaka Facebook, twitter, inthanete jalo jalo. Gape yo o batlang gore ke tle go mo opelela mo modirong o ka nteletsa mo dinomorong tsa 74597317/77666862.
Naledi: Pele ga re kgaogana a ko o bolele gore o rata pina efe?
Ka-Thuntsha: Ke rata e e reng ‘’Ramasedi mpepetletsa.’’ Ke e kwaletse moswi mme yo o tlhokafetseng ngogola. Ka ntlha ya go latlhegelwa nna le bonnake ba ke ba tlhokomelang ka bodiragatsi, ke kopa Modimo gore o mpepetletse gonne gatwe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting. A mowa wa gagwe o robale ka kagiso a re kopele masego mo Modimong.
Naledi: Ke a leboga mme o sale sentle rra.