Raditanka o lela ka ditlhabololo
8171,Leinanyana Tsiane,, | Monday May 30, 2016 00:00
Raditanka o buile se mo potsolotsong le Naledi bosheng, a tlhalosa fa dikgaolwana tse di welang ka fa tlase ga kgaolo ya gagwe ya Kgosing, tse di fetang makgolo a mabedi le bongwe, ditlhoka go thusiwe ka madi a mantsi go di tlhabolola.
Radiranka, yo eleng mokhanselara wa Domkgraga yo mogologolo ka dingwaga tse di fetang masome a mabedi ale mo Khanseleng ya Legare, gape a kile a nna monnasetilo wa yone ka lobaka lo lo leele, a re seemo sa letlhoko la madi se mmeile ka fa mosing fela thata ka batlhophi bone ba solofetse gole gontsi mo ene gona le karabo ya gale le gale ya letlhoko la madi.
Mokhanselara Raditanka a re go mo pontsheng gape gore seemo sa ditsela mokgaolong ya gagwe se a tshwenya ka bontsi jwa tsone di sa tsamaege ka ntata ya dikhuti tse di fitlhelwang mo go tsone.
“Ke tlhaloganya sentle kgang ya ditsela mo kgaolong yame ebile ke itse ka yone mme bothata ke letlhoko la madi. Gase ka gore nna le makhanselara a mangwe re ntse fela” Raditanka a bua jalo.
E rile a araba selelo sa badirisi ba ditsela segolobogolo ba dipalamo tsa sechaba, sa gore ba senyegelwa ke dipagamo tsa bone ka jaana ba tsamaya kgapetsa kgapetsa mo ditseleng tse di senyegileng, Raditanka a re tota ga se bakgweetsi fela mme le bapalami ba dikoloi tsa sechaba, tota le ba dinao ba lela ke seemo se.
“Seemo sa tsela go ya ko maemelong a dipalamo tsa sechaba go geta fa morago ga marekisetso a Furn Mart le go feta fa U-Save ke se se maswe thata. Re senyegetswe ke dikoloi tsa rona, re tsenya dithaere kgwedi le kgwedi,” go ikuela Mpho yo eleng mokgweetsi wa thekisi.
Bakgweetsi ka kakaretso mo motseng wa Serowe ba tlhalositse fa ba lapisitswe ke kgang ya ngwaga le ngwaga ya ‘ga gona madi’ a go baakanyang ditsela tsa motse wa bone. Ba re mapolotiki ba nna ba ba solofetsa tse ba sekakeng ba dikgona mme seemo se jaanong se ba kgoba marapo go ka nna seabe mo ditlhophong tsa sechaba. Ba re jaanong ba setse ba ikaelela go ya go ikwadisa le go tlhopha kwa ntle ga motse wa Serowe.
E rile a tsibogela kgang ya go tlhopha kwa ntle ga banni ba Serowe, Raditanka a tlhalosa fa tota go tswa mo mothong gore ene o tlhopha kae.
“Jaaka re itse lefatshe leno ele la puso ya batho ka batho ka batho, mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tlhopha kwa a go batlang. Re le mapolotiki ga re kake ra pateletsa ope go re a tlhophe,” Raditanka a rialo. A re le fa go ntse jalo, banni ba tshwanetse ba itse gore go dira jalo go ka nna le ditlamorago tse di sa nnang sentle ka jaana ditlhabololo di dirwa go lebilwe palo ya batho. Go tlhophela kwa ntle ga motse wa bone go ka fokotsa dipalo tsa bone mme ditlhabololo di salele morago.
Mo go tse dingwe, Raditaka o dumalane gore madirelo a mabenkele a Serowe a magologolo thata ebile fa madi a ka bonala a tla ntshafadiwa. A re dikago di tshwana le poso e e mo mmolong, ke dingwe tsa dikago tse dikgologolo, a tlatsa ka gore go na le bothata jwa dipone tse mekgwatlha tse di senngwang ke banni bangwe.
“Kgwetlho e nngwe e renang le yone ke ya fa o ya o lebile kwa maemelong a dipalamo tsa sechaba, o tla fitlhela dipone di thubilwe, tse dingwe go tserwe mabone a tsone. Kana se se dirwa ke dirukhutlhi gore e re bapagami ba fologa ba bo ba ba amoga di tsa bone,” Raditanka a tlhalosa jalo.
Lefa go ntse jalo, Naledi ene ya lekola seemo mo tikologong ya motse wa Serowe mme fa mabenkeleng, seemong se sa kgatlhise. Mangwe dipente tse one di dikgologolo thata. Mo legareng la mmolo, go na le ntlo ee e saleng e agiwa mo nakong ele, e kgologolo e bile e matlotla.
“Ntlwana e ene agiwa maikaelelo ele gore e hirisiwe jaaka marekisetso mme jannong e setse e onetse,” Radltanka a tswelela a tlhalosa jalo.
Raditanka a re le fa seemo sa motse sentse jalo, ga go kake ga supiwa ka monwana Monnasetilo wa Khansele wa jaanong ka le ene a fitlhetse seemo se ntse jalo. A re ele Raditanka, o tsweletse ka go buelela kgaolo yotlhe ya legare eseng ya gagwe Kgosing.