Rocking Stars ba golola Alebamo
440,Teichler Rankoa,, | Monday May 30, 2016 00:00
Ka ba ntse ba le mo mminong dingwaga di le mmalwago ne ga nna bonolo mo go bone go tlhama dipina go golola alebamo ya bone ya ntlha e ba e biditseng ba re ke Analogue to Digital.
Le fa ba santse ba hakgametse ka fa Charma-Gal a ba tsereng ka teng fa ba le kwa Maun mo loetong la go opela le go bina le ene, banana ba ba re ga batle go senya nako e ntsi ba lela ka se, ba re Motswana a re ‘mashi ga a tshologile a tshologile ga gona yo o ka tlholang a a olela,’eleng seo ba boneng go le botoka le go tswelela le mosepele wa bone wa go opela le bina ka go bereka mmogo e le setlhopha.
Setlhopha se sa Rocking Stars se na le maloko a le marataro, eleng banna ba le ba ne ba basadi ba le babedi, bone e le Kamogelo Tirelo wa dingwaga tse 25, Motlha Mompe(22) yo o neng a fenya kgaisano ya My Stars ngwaga e e fetileng, Chandapiwa James(20), Oarabile Nkwate(23), Mompati Motlhanka(26) le Palagabedi Mphoyakgosi(26)yo gape eleng ene mogolwane wa setlhopha.
Alebamo e Analogue To Digital e tshotse dipina di le thataro, eleng Kena le tumelo, setlhogo sa yone Analogue To Digital, e yone e buang ka go fetoga ga motho a sena go thusiwa ke mongwe, Lenyalo, e yone e bua ka maikarabelo a lone, Marata Helele, Mudiwa Wangu, ke pina ya lorato, le Boroko, e yone e buang fela ka go tlhwaafalela motho yo o mo ratang thata. Dipina tsotlhe tse di a binega, di rulagantswe sentle, mantswe a tsamaelana le diletso, se se dira gore di siamele go ka binwa gongwe le gongwe fa go jewang monate.
Mompati Motlhanka, Mphoyakgosi yo o tumileng ka leina la Jimmy le Nkwate ba simolotse go opela le go bina mo setlhopheng sa Culture Spears ka 2013 go fitlha ba se tlogela ba tsamaya le Charmal-Gal ga a tswa mo go sone. Ba ne ba dira jaana go ya go tswelela ba bereka le ene a ikemetse ka nosi jaanong ka Charma-Gal a ne a itse gore ba na le bokgoni le talente e ntsi e a e tlhokang ka ba binne thata le ene mo setlhopheng sa Ekentolo.
Ba re ba ne ba letsa molodi le motwane wa kopelo le mmino jalo le Charma-Gal go tloga ka kgwedi ya March go fitlha ka Morule 2015, go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, ba palama sekuta sa ga Charma-Gal, ga ba ga bonala sentle gore mosadi yo ga gona se se ka mo thibelang go golela pele mo mminong le fa a se na le Culture Spears.
Le bone ba ne ba aja monate ka ba ne ba mo direla se a se ratang, le bone ba se rata, fela ka monate o seke o jelwa ruri, ga tla gore dipharologanyo mabapi le dituelo din ne teng gareng ga bone le mohiri wa bone, ebong Charma-Gal. Se ba tlogela ka dintho tse di botlhoko thata mo dipelong morago ga gore sekuta sa ga Charma-Gal se ba kgwele ntle, se retologe mo phefong go ba tlogela kwa Maun, kwa ba neng ba ingwaa ditlhogo ka gotwe ‘tlhogo ya monana matsatsa.’
Boraro jo, Motlhanka, Jimmy le nonyane ya kopelo le mmino Nkwate ba laletsa boraro jo bongwe, Tirelo, James le Motlha go tla go apaya pitsa ya pina mmogo e e rileng go butswa ya leba kwa mafelong ka go farologana go tsena ka ditsebe tsa Batswana. Mme ba re ba e amogela sentle, bogolo jang ka e tshotse dinaledi tse ba ntseng ba di itse.