Mmangwao o suputsa banna ka poko
440,Teichler Rankoa,, | Saturday May 21, 2016 00:00
Fa a bua le Naledi, Samakadi o boletse gore o tswa kgakala thata le poko, mme ebile a rata thata poko ya Setswana sele sa bogologolo,a dirisa Setswana se se bofitlha, se se ratwang thata ke batho b aba ratang le go tlhaloganya poko.
A re ga a utlwa motho a boka, o moreetsa thata, bogolo jang matlhogoputswa, ka e le bone ba bokang poko yone e a godileng a e rata, a tlhalosa gore fa go na le selo se a se ratang that aka poko, ke go bona mmoki yo o ikgantshang that aka puo ya Setswana. A tlhalosa gore go boka ka Sekgowa ga go molato, mathata ke fa e le gore Motswana o lebala tlholego ya gagwe, a re puo fela jaaka sengwe le sengwe sa ngwao e tshwanetse go supa kwa motho a tlholegang teng.
Gore o tswa kae le poko e e tlhololo e, Mmangwao o papamaditse fela gore o tsetswe ka yone, a re le fa a ne a sa boke thata kwa dikoleng, o sale a tloga a itlwaeditse mokgwa o wa go kwalwa maboko, a re o ne a leba sengwe fela a bo a se tsatsanka ka bokgabane fa a sa le kwa sekoleng se se botlana kwa Molapo wa bojang. A re o ne a nna a dira jalo a kwala maboko fa a ntse a gola le dithuto tsa gagagwe kwa sekoleng se segolwane kwa Molapowabojang, le gone kwa se setona sa Lobatse, pele ga a fetela kwa sekoleng sa ithutelo borutabana kwa kwa Lobatse.
Go ribolola talente ya gagwe ya poko, bogolo jang yone tsa ntsha ka tlhaa, Mmangwao a re o ne a simolola go boka mo ditirong tsa masika le ditsala tsa gagwe, jaaka manyalo le diphathi kgotsa mantsho, a re a dira jaana ka a ne a bona gore o na le mafoko a a tshwanetseng go a ntsha ka molomo wa gagwe go ntlafatsa banyadi le beng ba meletlo.
Ka go bona a ntshe a ngoka tatedi e ntsi that aka poko e ya gagwe, o ne a simolola go nna a book mo meletlong ya maphata ka go farologana, go akaretsa le yone ya lephata la thuto, le makalana a a ikemetseng ka nosi. Kwa a reng le gone o ne a bona ditaletse di le dintsi that aka a gaisa banna ba le bantsi ka poko, a re o setse a kile a nna moatlhodi mo dikgaisanong di le mmalwa tsa poko, mme a re o itumela that go bona poko ya gagwe e golela pele.
Mmangwao, a re o tshwanetse gore mo bogaufing a bo a somolola leboko le le bogale le le tlotlomatsang basadi botlhe b aba diretseng lefatshe la Botswana go utlwala, a re se ke go leka go leboga basadi botlhe ka poko ya gagwe.