Dikgaisanyo di upolola dinaledi Ramakrishna

Ditlhopha tsa basimane le basetsana di ne di tswa mo kgaolong yotlhe ya Borwa,mme batshameki ba tswa mo ditlhopheng tsa dikole tse dipotlana ka go tswa mo dikgaolong ka go farologana ga tsone, se Ramakrishna a  reng se mo itumedisa thata ka go supa fa barutabana le baithuti ba setse ba itse le go tlhaloganya motshameko o, ebile ba o rata fela thata. Ramakrishna a re le fa ba itumela go bona tiro e ntle e ya barutabana le baithuti, o leboga thata batsadi botlhe ba bana ba, ka a re go supa kemonokeng e ntsi go tswa mo go bone go ya kwa baneng ba bone, eleng seo go leng bonolo go bona batshameki ba dipalo tse dintsi go ka dira ditlhopha tse di mmalwa tse di farologanyeng. A re o a itse gore ga go bonolo gore batsadi ba tlhaloganye botlhokwa jwa motshameko, bogolo jang fa bone ba godile ba sa o itse.

Fa a bua le Naledi kwa mabaleng a metshameko e la Labone, Ramakrishna o rile batshameki ba supa gore jaanong ba setse ba le dinaledi tse di lekaneng go ka emela lefatshe la Botswana mo ditlhopheng tsa setshaba tsa bana ba ba botlana. A tswelela a bolela fa se se thusa thata gore ditlhopha tsa setshaba di di nne le batshameki ba le ba ntsi ba di ka tlhophang mo go bone, a tlhalosa fa bangwe ba batshameki ba ba neng ba tshameka ba, ba setse ba lekeleditswe mo ditlhopheng tse dingwaga tse dif a godimo ga bone.

Le fa bangwe ba ne ba abelwa dikopi le dietsele(medals) go bo ba gaisitse ba bangwe mo thonamenteng e, mogolwane Ramakrishna, a re ga se gore ba bangwe ga ba a tshameka sentle, mme tota e  le fela gore go tshwanetse go nne le mofenyi mo phelelong ya kgaisano. A re botlhe batshameki ba tshwanetse go itse fa ba dirile go utlwala, sa bone e le go ya kwa ditlhopheng tsa bone go ikatisa ka tlhwaafalo gore le bone nako e e tlang ba gaise ba bangwe le gone go kgaba ka meputso ya phenyo.