Moeng ngaka o sidila babobodi

Se bontsi bo ka se dumela gore gantsi fa moeng a tla, go nna monate mo lelwapeng, madirelo kana motkgatlho.

Batho ba gomieno tokafatso maduo, ba lemogile gore moeng o botlhokwa gore a nne a etela madirelo a bone. Ba setse ba beile molao gore modiredi yo o nnang a sa etelwe o ka tseelwa kgato semolao. Ba dumela gore modiredi yo o etelwang go supa gore ga se modiraesi, ke motho yo o dirang le ba bangwe.

Ba supa gore ka maitemogelo, motho yo o etelwang o kgona go amogana megopolo bonolo le ba bangwe, e bile o phuthologile. Ba tlatsa ka gore, motho yo o etelwang, o kgona go bapatsa kompone gore e itsege botoka go na le fa a ikhuruanya a le esi.

Motho fa a etelwa, go supa gore ke motho a ka abelana kitso motlhofo, a bo a direla dilo mo pontsheng. Ka jalo, fa modiri a sa etelwe, ba kgona go mo tima matshwao, ba bo   ba ka mo leleka mo tirong.

Go etelwa go supa thata le pelo ya motho gore o mamu, ka jalo go ya ka bone, le fa a ka fiwa maemo, ba dumela gore o ka a amogana ka jaana botshelo jwa pereko ke loeto, bo na le fa bo felelang teng, mme bo tlhoke yo o ka bo tsweledisang.

Moeng o ka tlisa boitumelo ka jaana gantsi baeng ba tlisa dikgang tse di monate, kgothatso le tsholofelo. Madirelo ka bontsi a tlotlile go re le one a nne le maeto a go ithuta mo go ba bangwe. Ka jalo ba nna le madi a ba a seegelang fa thoko gore ba nne le maeto a a ka tlang go ba tokafatsa, ba ithuta se ba senang naso kwa ba tswang teng le gore ba ka se dira botoka jang.

Ka jalo, fa Motswana a re moeng o a fodisa, ga se bolwetse jwa mmele fela. Moeng fa a tlile fa o teng, o ka fodisa ka kgopolo, puo le tiro e a ka e dirang.

Ba bangwe bathapi ba dumela gore yo o sa etelweng, o siame thata ka o a bereka a sa itewe tsebe ke ba bangwe. Ba dumela gore ketelano e baka go diana ga bodiredi, ditlotlo le ditshelenyana, go bo go ka bake makoko. Ba dumela mo modiring yo o supang maroka a gagwe a le esi.

Mme ka tlhaloganyo ya Motswana, go ka supafala gore wa o esi ga o ele.

Kgothatso ya seane se ke gore a Motswana a itlwaetse go etelwa, a ke mo lelwapeng, kgotla, mokgatlho kana madirelo. Moeng fa a tlile, bolwetse le e ka nna bofe bo a fola. A rialo Motswana…!