Bogolo le mosola wa Mowana

Mowana o bonwa kwa mafelong a a mogote e bile a omeletse, tota mo borwa jwa Aferika. Mafelo a mangwe a Mowana o ka bonwang teng ke kwa Angola, Kenya, le mono gae tota, le kwa Namibia, Zimbabwe, Zambia, Malawi, Tanzania le Malawi. Kwa moseja, Mowana o ka bonwa kwa lefatsheng la Philippines.

Mabapi le boleele jwa setlhare se, se ka gola selekanyo sa dimithara tse di masome a mabedi le botlhano (25mitres), le go nna bophara jwa lesome le bone (14mitres). Mowana o ungwa dijo tsa setso mme gape o nne le ditiriso tse di mmalwa tsa sone, dingwe tsa tsone dina le dikotla tse di botlhokwa tsa mmele wa motho. 

Setlhare se sena gape le tiriso ya ditlhabololo matshelo a batho le lefatshe, fa se melelang teng. Se ungwa maungo a a jewang a Mowana mme a bo na kgolokwe jwa lee jwa selekanyo sa disenthimithara tse di magareng ga lesome le botlhano le masome a mabedi (10-20cm). Leungo la Mowana le na le kgapetlana e e thata seka legong, mme le nne mabowa a a lephutshe le le kopaneng le botoba le bosetlha ka mmala.

Ka jaanong re setse rena le Lesedi ka leungo le, a re seka ra lebala tse dingwe ka lone mme re simolole ka go lemoga fa lena le dithotse dile mmalwa mo go lone, mme fa o leba ka leitlho le le tseneletseng, o ka lemoga fa dithotse tse di ikadileng mo bosweung mo mateng a leungo le. Moalo o ne o wa dithotse, o na le dikotla tse di botlhokwa fela thata.

Go bolelwa fa Mowana o na le kotla e ntsi e e nonotshang marapo le meno e ka sekgoa e bidiwang calcium mme e bile kotla e, e le ntsi go menaganye go fitisa jaaka e le mo morogong wa spinach.

Mowana o na gape le motswako o o thusang go fokotsa masalela a matute a dijo le melemo le dikalafi tse di farologaneng, motho o kare antioxidants ka sekgoa. Matute a, gantsi fa a kokoana mo mmeleng a nna le kgonagala ya baka malwetse a kankere a a farologaneng. 

Setlhare se sa Mowana, fela jaaka bontsi jwa ditlhare le dimela, sena le kotla e gantsi e nyalanwang le flu mme yone e bidiwang vitamins c ka sekgoa.

Re  ise re lebale, re buile ka mateng a kgapetlana e ya Mowana, e re bonang dithotse mo go yone, mme jaanong, se se botlhokwa gape ke gore one mateng a, a kgona go dirisiwa jaaka senotsididi, se se ka kopanngwang le mashi kana metsi.

Kwa Sudan, ba bitsa senotsididi se ba re tabaldi juice. Ba se dira jang tota senotsididi se? Ka go nyerolosa mateng a, a kgapetlana ya Mowana, e re neng re re e ekadile ka dithotse tsa Mowana, mo metsing.

A jaanong re utlwe gore ba lekgotla la mafatshe a moseja a a bidiwang gotwe European Union, bone ba dirang ka Mowana. Ka ngwaga wa 2008, lekgotla le lene la rurufatsa le go letlelela go jewa le go nowa ga Mowana. Se sengwe se Mmadi wa Senkgwe sa Botshelo a ka eletsang go se itse ke gore Mowana o kgona go jewa fela jaaka o ntse, o sa tokafadiwa kana o dirilwe sepe fela.

Mowana, ka mateng a one, o na gape le motswako o gantsi rona Batswana bangwe, re o dirisang mo motogong, jaaka e kare motho o itirela ting, fa bangwe ba o dirisa go apaya gemere, mme one o bidiwa Tartaric acid. Mo Mowaneng, gona le mo gotweng Citric acid, mme a re lemogeng gore mafoko a mangwe ga a yo mo Setswaneng, mme fela, yone citric acid ya Mowana, e ka dirisiwa go natefisa dijo tse gantsi di jewang morago ga tse di tshwanang tsa motshegare kana tsa selalelo sa dijo tsa maitseboa, kana re re jelly fela, le jam. 

Fa ele matlhare a Mowana one, a dirisiwa jaaka morogo, mme go dirwa jalo ele gore a apeilwe mme a kopanngwa le moro. Fa santse ale masha, matlhare a Mowana a dirisiwa gape ka go omeletswa le go silwa mme fela jalo, a natefise dijo.

Ya re go thugilweng, matlhare a a bidiwe ‘Lalo’ ka teme ya kwa lefatsheng la Mali. Mahura a dithotse tsa Mowana le one a mosola fela thata ka a kgona go dirisiwa go apaya.

A mosola wa Mowana e le ruri!