Nthe wa naga

Morago ga foo, ke ne ka nna ka potiela fa ke tsamaya mo toropong le mo mafelong a mangwe ka go farologana. Ka jalo, erile malobanyana ke phakeletse go itshidila mmele gone mo Gaborone mo ka fa marekisetsong a Broadhurst gaufi le sekole se segolwane sa Maruapula, ka lebisa dinao kwa botlhabatsatsi go feta fela fa pele ga sekolwane sa ithutelo-ditiro tsa go dira ditsela, (Roads Training Centre). Ke ne ka tsamaya jalo le tsela ya sekonotere mme ya mpetisa fa pele ga kgoro e tona ee kwa bokone jwa mmadikole wa Botswana, (University of Botswana).

Ke yoo, ka ya botlhabatsatsi fa tsela ya sekonotere e sena go felela mme ka feta ke iphaphathile ka terata ya lefelo la diphologolo le ditsatlholego, (Gaborone Game Reserve). Terata ya Botswana Defence Force (BDF) yone e ne ele ka fa mojeng wa me.

Fa ke ntse ke ya jalo kwa botlhabatsatsi ka lebela dimithara di ka nna masome matlhano bontshe ba le bararo mo teng ga terata ya Gaborone Game Reserve, ba babedi ba batuba le yo montsho a le mongwe. Ka ke ne ke batla go bona gore fa bontshe ba le nosi ba dira eng ka ngotla mokgwasa wa ditlhako tsame mme ka elatlhoko gore ba dirang fa ba le nosi ba sa tshosiwe ke sepe. Ka  bona bontshe ba ntse ba selasela matlapana le dijonyana tse dingwe.

Mme fela jaaka dinonyane le ntseane tse re kileng ra kwala ka tsone, ka bona le bone ba nnetse go shebasheba. Ka ipotsa gore ke ntsu kana nkgodi yoo kafe yoo ka tshosetsang botshelo jwa nonyane ee bogolo le bogale jo bo kalo jaaka ntshe go ka dira gore e tshele ka go shebasheba.

Ka ja tlhogo mme ka tloga ka gakologelwa gore mo maboaneng le metlhabeng a ntshe a tshelelang mo go one ka tlhago, gona le babusi ba dikgwa ebong dibatana tse ditona tse di jang nama jaaka ditau, diphiri, matlhalerwa le tse dingwe. Ke gone ka lemoga fa ntshe le ene a tlhoka go itisa mo diphologong tse. Go ingwaa tlhogo ka go shebasheba ga ntshe ga kokobela.

Ka ponyo ya leitlho ka tlelwa ke mowa ole wa fa re santse re le basimane re tsamaya mo nageng re tshotse diragantswane tse re neng re hula dinonyane ka tsone go ipatlela seshabo. Ka rokotsega mathe thata fa ke lebile tlhogo ya ntshe yo motuba yo a neng a le gaufi le nna. Ka utlwa ke akanya gore motho o ka mo thuba tlhogo ka lentswe la seragantswane a tla a akola nama e a sa bolong go e tlhwaafalela dingwaga tse dintsi! Fa dikakanyo di ntse di gorogotshega jalo mo tlhogong yame ka rarabologelwa le go lemoga fa bontshe ba ke neng ke ba lebile ele ba ba sireleditsweng ebile ese ba ba ka bolawang fela motlhofo bogolo jang ka ba le mo lefelong le le sireleditsweng.  Go tsweng mo dikakanyong tseo ka tsweledisa mosepele wame wa go itshidila mmele ka tlhokomologa bontshe sebakanyana.

 

Mehuta ya bontshe

A ere le fa re tshwanetse ra itlhokomolosa dikakanyo tsa go bolaya ntshe le go ja nama, a re ikgateng motlhala re ipotseng gore tota ene ntshe ke eng. Ntshe ke nonyane e tona go di feta tsotlhe mo lebopong ee tlholegang mo khontinenteng ya Aferika.

Ga e fofe ka ele tona ebile ele bokete thata go ka dira jalo. E fitlhelwa mo dinageng tsa maboana le dikaka. Go bolelwa fa ntshe a kile a tshela mo kgaolong ya Botlhabagare (Middle East) le kwa khontinenteng ya Asia mme batho ba koo ba mo tsoma go fitlhelela a nyalelela ruri. Ntshe o thamo telele mme o ka nna boleele jwa go feta dimithara tse di fetang bobedi tse di gagabelelang go tshwara tse tharo (2.7 metres).

Ntshe yo motonanyana o montsho ebile ale mosweu mo diphukeng tsa mogatla, fa yo monamagadi a le motuba le borokwa. Le fa ntshe a sa fofe jaana, o kgona go taboga ka lebelo le le ka tshwarang dikhilomithara tse 70 ka oura. Ga ke bone gore gona le motho ope yoo ka siang ntshe fa a setse a gaketse a mo alotse! Le fa a le lebelo jalo, ntshe o nonofile ebile o kgona go golafatsa le go bolaya motho le diphologolo tse dingwe bogolothata fa a le mo sepitlaganyaneng kana a lwela go sireletsa dikokwana tsa gagwe. Le tau o kgona go e bolaya ka go e raga thata ka leoto la gagwe le le menoto mebedi.

 

Botshelo mo nageng

Bontshe ba tsamaya ba le palo ee kwa tlase ga lesome le bobedi. Ntshe yo motona yo motonanyana ke ene a kotang ntshe yo motona yo monagadi le bontsi ja bontshe ba bangwe ba banamagadi mo setlhopheng seo.

Fela jaaka dikoko bontshe ba busiwa ke yo motona yoo mashetla go gaisa botlhe ba batonanyana. Bontshe ba batonanyana ba maemo aa kwa tlase le bone ba kgona go kota bontshe ba banamagadi ba maemo aa kwa tlase fa ba tshogane ba bone sebaka. Le fa go ntse jalo, mae otlhe a setlhopha se a kgobokanyetswa mo kutleng ele nngwe e elangwang ke ntshe yo motona yo motonanyana le yo motona yo monamagadi ka go hapaana. Yo motonanyana o elama bosigo fa yo monamagadi a dira jalo motshegare. Le fa mae otlhe a setlhopha a elangwa, a yo motona a fiwa tlhokomelo ee kgethegileng gona le a bontshe ba bangwe.  Mae a elangwa sebaka sa malatsi a le 40 go ya go 46 a bo a thubega go ntsha dikokwana. Ntshe o kgona go tshela dingwaga tse 30 go tsena tse 40. Yo o godileng o kgona go nna bokete jwa dikhilokereme tse 100 go tsena tse 160.

 

Dijo tsa ntshe

Ntshe o tshela ka go ja ditlhatshana, maungo le dithunya, matlhare, dirowa, maruswa, le peo ya dimela. Mo godimo ga moo o ja diboko, dirurubele, ditsiakgophe, bontseane, dinoga, dipeba le diphologotswana tse dingwe tse dipotlana. Ntshe o metsa motlhaba le makgabana a masesane go mo thusa go sila dijo mo jelong pele ga di fetela kwa mpeng. Ntshe ga tlhoke go nwa metsi ka aa tsaya mo dimeleng tse a di jang. Le fa go ntse jalo, fa a fitlhela a mantsi jaaka a mogobe kana ledutlela o kgona go nwa.

 

Go tsala le go kota

Ntshe yo motonanyana o ngoka yo monamagadi ka motsamao wa gagwe oo bobebe a supa diphuka tsa gagwe tse di bosweu le bontsho. Ntshe yo motonanyana mo beta kodu ee kanang fela ka ya tau ka nako ya fa ba lwela go bona gore ke ofe yoo tlaa nnang moremogolo wa setlhopha go kota ba ba namagadi! Kodu e ya ntshe e kgona go tsewa ele ya tau fa motho a sa e reetsa sentle! Ka nako ya go lwela bosimega jwa setlhopha, ntshe yo monamagadi o supa diphuka tsa gagwe tse dituba le borokwana tse di galalelang thata faa ipaakanyeditse go ka kotwa. Mae a sena go elangwa le dikokwana di sena go thubiwa, ntshe yo motonanyana le yo monamagadi ba tshwaraganela go di tlhokomela.

 

Baba ba ntshe

Bophokoje, dinonyane tse di jang nama jaaka ntsu le segootsane, kgano, le manong di tshenya thata mo go jeng mae le dikokwana tsa ntshe. Mo godimo ga moo gona le dibatana tse di jang bontshe go sa kgathelesege gore ba botona jo bokae.

Gareng ga tse go tau, letlotse, nkwe, letlhalerwa le phiri. Le fa dibatana tse di kgona go bolaya ntshe, gase gore ke moretlwa wa mmamphulakentse. Go  lowa ntwa ya dibono mo ka dinako dingwe ntshe a felelang a fentse! Ntshe yoo mashetla o kgona go raga a bo a bolaya tau fa a tsentswe mo sepitleng!