Mualebe
Sebofo Motshwane | Wednesday June 5, 2013 00:00
E ne e rile e bua ka mesepele ya malatsi a Paseka, Naledi ya re mo nakong eo, dikoloi di tlaa bo di tletse ka batho. Potso ya nna gore a Naledi e bua sentle? Mmualebe o ne a se ka a dumalana gore Naledi e bua sentle.
Re itse gore dikoloi ke tsone di rwalang kgotsa di pegang batho, batho ga ba rwale dikoloi. Fa batho ba rwelwe ke dikoloi ba le bantsi ra re batho ba tletse ka dikoloi, e seng dikoloi di tletse ka batho. Re bua jaana ka gore batho ke bone ba leng mo dikoloing, dikoloi di ba rwele. Maloba re ne ra re fa Naledi e re dikoloi di tletse ka batho, go nna jaaka e kete batho ke bone ba rweleng, ba palangweng ke dikoloi, mme go sa nna jalo. E rile go leka go tlhalosa gape, re ne ra ntsha dikai di le pedi, sekai sa metsi le kopi, le sa mosadi le mosese.
Re rile fa re tshela metsi mo koping a tlala, re ka bua ka metsi a ka tsela di le tharo tse di farologanyeng. Re ka re kopi e tletse metsi. Gape ra re metsi a tletse kopi. Fa re dirisa lefoko 'go tlala' le le nosi, go siame fela. Se se tshotseng, le se se tshotsweng, se ka tlala. Mme fa re dirisa lefoko 'go tlala ka,' foo se a fetoga Setswana, potso e nne gore se se tlalang ka se sengwe ke eng; a ke se se tshotseng kana ke se se tshotsweng?
Mmualebe o lemogile gore go a ata gore e re go dirisiwa lefoko 'go tlala ka,' go buiwe jaaka e kete se se tshotsweng, ke sone se tshotseng jaaka re bonye ka Naledi e re dikoloi di tletse ka batho. A re tsweleleng re lebelele dikai tse dingwe. Go a tle go nne le ditiro tse di tle di phuthe batho ba nne bantsi mo lefelong lengwe. Re a tle re nne le dintsho, manyalo le diphuthego, batho ba tshologe ka bontsi thata. Jaanong a re re batho ba tsile lenyalong lelwapa ke leo le tletse. Bangwe e tlaa re ba bua ba re lelwapa le tletse ka batho. Mmualebe ene a re, lelwapa ga le a tlala ka batho, batho ke bone ba tletseng ka lelwapa ka jaana, ba mo go lone. Lelwapa lone ga le mo go bone.
A re tswelele re re, gone mo lenyalong le, go mherehere. Go jelwe, go feditswe, jaanong ke nako ya go ja tlhako.E a binwa pina, se a lela setlhako, go tsogile dithole, mogolokwane o lelela boatleng. Batho botlhe ke ba ba itumetseng. Potso ke gore fa o ne o ka bua ka tiragalo e, o ne o tlaa re batho ba, ba rileng? A o tlaa re batho ba tletse boitumelo kana o re ba tletse ka boitumelo? Go bua sentle ke gore re re, batho ba itumetse, kgotsa ba tletse boitumelo. Fa re re batho ba tletse ka boitumelo, re tlaa bo re sa bue sentle ka Setswana ga se rialo.
Mmualebe o setse a kile a bua gore batho ba a itumela, ba tlale boitumelo. E re motho a itumetse mo go feteletseng, mo a ka nnang a dira dilo dingwe tse di duleng mo tseleng, gone go twe o fetilwe ke boitumelo.
Setswana ga se ke se re batho ba tletse ka boitumelo ka gore, fela jaaka re setse re buile, boitumelo bo mo mothong, motho ga a mo go bone. Ee, gone e ka re nako nngwe fa motho a itumetse thata, ga twe o mo boitumelong jo bogolo mme seo e le go natetsha puo fela.Go lebega e kete gore batho bangwe ba re selo se se tshotsweng, se tletse ka se se se tshotseng, ba tsiediwa ke gore ka Sekgoa go buiwa jalo go twe, the cup is full of water. Go twe, Neo was filled with joy. E re ba utlwa Sekgoa se bua jaana, le bone ka Setswana ba re, kopi e tletse ka metsi; Neo o ne a tletse ka boitumelo mme Setswana tota sone se sa rialo. Fa Sekgoa se dirisa 'ka' nako le nako, Setswana sone ga se dire jalo. Setswana sa re metsi a tletse kopi. E re se tswelela se dirise 'ka' mme jaanong se se tshotsweng, e nne sone se tlalang, e seng se go tshotsweng ka sone. Metsi jaaka re setse re bonye, e nne one a tlalang ka kopi, e seng kopi e tlala ka metsi jaaka Sekgoa se bua. A re lemogeng gore fa ka Sekgoa selo se se tshotseng se sengwe e le sone se tlalang ka se se se tshotseng, ka Setswana, se se mo teng, (se se tshotsweng), ke sone se tlalang ka se se tshotseng. Go tshola mo e ka ne e le gore selo se tshetswe mo go se sengwe, se rwelwe ke se sengwe kgotsa se oletswe mo go sone jaaka mabele a ka olelwa mo kgetsing. Fa mabele a tletse kgetsi, re tlaa re, mabele ao, a tletse ka kgetsi, e seng kgetsi e tletse ka mabele. E re dikoloi di le dintsi mo tseleng re re, dikoloi di tletse ka tsela, e seng tsela e tletse ka dikoloi.E-mail: motshwanes@yahoo.com