Mmualebe
Sebofo Motshwane | Wednesday August 28, 2013 00:00
Go leka go thusa batho ba, puso e ne ya letla gore bangwe ba ka rekisa kwa dikagong (diofisi) tsa yone, bangwe ba rekisa gaufi le dikole. E re le mororo se e ne e le mogopolo o montle, o o neng o ka isa batho golo gongwe, ga go lebege o ne wa tswelela o ntse o ntse jalo.Fela jaaka Motswana a a tle a re 'Masi a kgomo thobeng ke tswa ke le phepa selabe se tla le motsaakgamelo,' golo gongwe selabe se ne sa tsena.
Ka selabe ke selo se se maswe, se se sa rategeng gope mo dilong tse dintle, batho bangwe ba lemoga seo mme ba se ka ba se itumelela. Mongwe wa batho bao, go bolelwa e le tona ya Thuto, Pelonomi Venson-Moitoi, yo go tweng e rile bosheng a lela ka batsadi ba ba rekisetsang bana dilo dingwe tse e seng tsone.Ga twe tona o ntshitse selelo sa gagwe mo phuthegong nngwe e e neng e tshwerwe kwa Lerala kwa Tswapong, a lela ka batho ba ba rekisetsang bana ditagi, dingwe tsa tsone e le motokwane.
Bangwe ba batho ba ba dirang jaana ke ba ba rekisang gaufi le dikole. Go bo go raya gore le bana bangwe ba dikole ba rekisediwa dilo tse. Batho ba, ba ne ba letlelelwa go rekisa gaufi le dikole tsholofelo e le gore ba tlaa bo ba rekisa dijo dingwe tse e ka reng motshegare bana ba kgona go tshegetsa legaba ka tsone. Jaanong, go na le go dira jalo, ke bao, ba rekisa di sele. Ba dira jaana e le bagolo, e le batsadi, go solofelwa gore ba ka thusa bana go tsena mo tseleng e e leng yone. Mme go na le go dira jalo, ba a ba latlha, ba ba isa go sele.Go feta foo, go utlwala fa bana bangwe ba dirisiwa go rekisetsa ba bangwe tsone dilo tse.
Re tlaa dumalana le tona gore batho ba ba dirang jaana ba, ga ba dire sentle. Batho ba ba latlha bana, ba a ba timetsa, e bile ba a ba bolaya ka jaana ditagi ga di age mmele wa motho.Di a o bolaya, mo go bangwe di bo di bolaye le yone tlhaloganyo tota. Ke bagolo ba ba tshwanetseng go ka bo ba thusa go aga bana jaanong ke bao.Mmualebe ga a dumele gore bana ba ka rekisediwa ditagi mme fela, kgang ya gagwe gompieno ga se gore a go nowe ditagi kana nnyaa. Jaaka gale, kgang ya gagwe ke gore e rile a ntse a bala polelo e ya ditagi e, a kopana le mafoko mangwe a a eletsang gore o ka a lebaleba nao.
Lefoko la ntlha ke leo ke 'ditagi.' Re tsaya gore lefoko le le raya dilo tse di tagang, dingwe tsa tsone e le tse di nowang. Dingwe, jaaka motokwane, di sa nowe, di gogiwa. Lefoko le lengwe ke 'nnotagi.' La boraro lone ke 'bojalwa.' Golo gongwe polelo ya re, 'Kgosi......a bolela fa a tshwentswe ke tiriso ya nnotagi e e feteletseng ya banana le dipolaano tse di diragalang kwa marekisetsong a bojalwa.' Re rile ditagi go tewa dilo tse di tagang, dingwe di nowa, tse dingwe tsone e le tse di gogwang. Jaanong a re fetele pele Nnotagi yone ke eng? Lefoko le ke lengwe la mafoko a masha mo puong ya rona. Ka Setswana, dilo tsotlhe tse di nowang, mme di taga, di bidiwa bojalwa. Batswana ba apaya bojalwa jwa Setswana (mabele) ba tlhatlhela khadi, ba dira morula, mme mo gotlhe go bidiwe bojalwa.
Tsa mohuta o, e le tsa Sekgoa, le tsone di nne di bidiwe bojalwa. Lefoko le lengwe la Setswana le le ka dirisiwang boemong jwa bojalwa ke 'dino.'Nako nngwe e a re motho a itshietse thata go twe o iphitisitse dino; go twe o bolailwe ke dino. Jaanong fela jaaka mafoko a mangwe a masha, lefoko 'nnotagi' ke leo le ntse le a tla. Mo polelong ele, lefoko le le dirisitswe gararo, 'ditagi' gabedi, 'bojalwa' lone gangwefela fela (Dikgang Labobedi Phatwe 13, 2013) Fa lefoko 'bojalwa' le le teng, le raya dino tsotlhe, tsa Setswana le tsa Sekgoa, ke eng le tlaa re sulafalela mme boemong jwa lone re natefelelwe ke 'nnotagi.'
Mo mafokong a mabedi a, le le natefang botoka mo ditsebeng tsa gago ke lefe? Ba ba nwang bone ba re ba nwa eng? A ba re ba nwa bojalwa ampo ba nwa nnotagi?Botswana Breweries fa e bapatsa Chibuku ya re, 'Bojalwa jwa rona.' Fa e ne e rile nako ele, mafoko a mabedi a a bapisiwa, mme ga twe o tlhophe le le botoka go ka dirisiwa, o ne o ka re go botoka lefe? 'Bojalwa jwa rona' kgotsa 'Nnotagi ya rona?' Tlhola sentle. Email: motshwanes@yahoo.com