Mmualebe

Maloba re ne ra bua ka lefoko 'tsena' e le lengwe la mafoko a a dirisiwang thata mo Setswaneng.  Re ne ra bona fa lefoko le, le sa dirisiwe go raya go ya mo teng ga sengwe fela, jaaka go tsena mo mosimeng, go tsena mo sakeng, mme le ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Mo dikaing tse di neng tsa tswa, go ne ga bonala sentle gore nngwe ya ditsela tsa go dirisa lefoko le,  ke go bopa manatetshapuo jaaka 'go tsena mo tlung' go raya go tshola ngwana, 'go tsena motho' go raya go tlwaela motho thata, le 'go tsena ganong,' mo bangwe ba tlwaetseng go go dira.

Re tlaa sala kgang ya rona ya maloba morago ka go lebelela lengwe la manatetshapuo a Setswana, le le reng 'go iteela.' Potso ke gore, fa Motswana a re o a iteela, o a bo a raya eng? Go a bo go iteelwa eng, jang?

Tsela nngwe e Batswana ba agang ka yone ke go dirisa bojang go rulela matlo.  Ba le bantsi ba bolela fa ntlo ya bojang e le monate ka jaana ga e tshabelelwe ke mogote. Ga e re go le letsatsi, e lelafale mo go feteletseng jaaka ya disenke mme le go le tsididi ga e welwe ke serame, e kgona go se thibela ka kwa ntle.  Le go lebega, fa e ruletswe ke motho a le diatla dintle, e a tle e lebege, e nne ntle thata.  Sebe sa phiri ke gore, e re le ntlo ya bojang e le monate jaana, bojang ga bo tseye lobaka bo ntse bo le mo godimo kgotsa bo siame. Go ise go e kae bo a onala, bo tshologe mme bo batle go bitiiwa.  Fa botlhe bo setse bo onetse, bo tshologa, bo wa, go ka biitiwa ka go baya bojang jo bo sha mo godimo ga jo bogologolo mme go twe ntlo e a iteelwa. Fa bongwe bojang bo santse bo le thata, go ka iteelwa ka go thiba diphatlha fela fale le fale.

Matlhaku le one, e ka nna a lesaka, a logora lwa tshimo kana logora lwa lelwapa, a tshabelelwa ke go onala mme a tshwanelwe ke go iteelwa. Fela jaaka bojang, matlhaku a ka bitiiwa ka go agela a masha mo godimo ga a magologolo kgotsa ka go thiba fela fa a bobileng teng.  Go dira jaana go nne go twe go iteelwa matlhaku; ke gore a a tlhatlaganyediwa gore a tiye, a nne thata. 

Go iteela mo gongwe ke ga go talela kgotsa go fenyetsa selo. Sekai ke gore go na le batho ba go tle go twe ba iteela mosepele, bangwe go twe ba iteela puo kana kgang.  Batho ba ba iteelang mosepele ke ba ba sa tshabeng go tsamaya ka dinao mme e bile ba le bofefo go tsamaya. Motho wa go nna jalo o ka tsamaya sekgele se se leele mo nakong e khutshwane mme a se ke a ikutlwe lepe letsapa. Nako nngwe batho ba ga twe ba mosepele.  Motho yo o iteelang kgang ene ke yo o itseng go bua, a itse go bopa mafoko le megopolo e e utlwalang fa go tshwerwe kgang. 

Go ntse go ntse jalo, Motswana o a tle a re motho o iteelwa ke selo, a raya gore motho o dirafalelwa ke selo seo gantsi. Motho fa a lwala gantsi, gangwe le gape, jaaka bana ba santse ba le bannye go a tle go twe o iteelwa ke bolwetse. Bangwe bone go twe  ba iteelwa ke tlala, e le ba e reng fa a tshwerwe ke tlala, a felelwe ke natla, a se ke a kgone go dira sepe.

Go iteela mo gongwe ke ga go iteela kobo moroko.  A re re tsala ya rona Morwadi o ntse a roka kobo. Fa a fetsa, o leba fa a neng a roka teng go bona gore go ntse jang mme o fitlhela e le gore moroko o motlhofo, fa o a tshwara thata. O a boelela o roka gape gore jaanong go tshware. Go dira jaana, Morwadi o gatisetsa moroko fela jaaka go ka iteelwa bojang kgotsa matlhaku.  A mme mo, e bo e le gone go iteela kobo moroko?  Nnyaa. Go iteela kobo moroko, ke go tlatsa mafoko mangwe a a setseng a builwe ke mongwe mme golo gongwe a tlhaela, a sa wela sentle.  Go iteela kobo moroko, jaaka go kgwa dikgaba, le go latlhela tlhware logonyana, go dirisiwa thata fa go tshwerwe phuthego batho ba thusanya ka megopolo le dikakanyo. Motho mongwe o ka tswa ka mogopolo mongwe a o baya phuthego pele, ya o dumela, mme gongwe o sa wela sentle. Gone foo, mongwe o ka bua go tlatsa mogopolo o o ntshitsweng, gore o wele sentle, mme go rialo a re o iteela kobo moroko. 

Godimo ga moo, go na le go iteela motho, go raya go tshwenyega ampo go kgerisa motho yo mongwe.  Maloba re bonye fa Morwadi le Monei e le ditsala mme Monei e le motho wa go nna a fatlha Morwadi ka mafoko.  E re le Morwadi a re o leka go supa gore ga a itumelele go tsewa jalo, go se ke go reye Monei sepe.  Re ne ra re fa go ntse jaana Setswana sa re motho o tsenye yo  mongwe, go raya gore o mo  tlwaetse thata, mo go feteletseng, mo a se nang tlotlo epe mo go ene.  Fa go ntse go ya pele, Monei o ka felela a dira Morwadi dilo tse dintsi tse di sa itumediseng mme e re le Morwadi a re o a iphemela, go se ke go thuse sepe. E a re go nna jaana go twe motho o iteela yo mongwe.  Ka sekai sa rona, re tlaa re Monei o iteela Morwadi.  Go se ke go felele fela foo.  E re go tlhagisa batho ba mohuta wa ga Monei, seane se re, 'Moiteela silo mmoele, tlakala le maboo mabe.' Go bua jaana go a bo go rewa gore, fa motho a tlwaetse go tshwenya yo mongwe, a itlhokomele, a se ka a go jela monate ruri ka jaana e ka re letsatsi lengwe, yo o tshwenngwang, a itwela ka tsela nngwe e e botlhoko go gaisa jaaka a ntse a dirwa, mme yole a tloga a lela thata.

Go digela kgang ya rona re tlaa re, go iteela, go iteelwa dilo tse dintsi tse di farologanyeng. Gore go iteela go raya eng, go tlaa ya ka gore go iteelwa eng; a go iteelwa bojang, matlhaku, kgang, a kgotsa go iteelwa kobo moroko. E-mail: motshwanes@yahoo.com.