Setswana se se lolameng

Rona ba re gorogileng mo lefatsheng malatsinyana a le a maloba, re fitlhetse Setswana e le puo e e monate, e beng ba yone ba neng ba e tlotla ba bile ba ipelafatsa ka yone.

E ne e re fa Motswana a bua, a ele tlhoko gore o dirisa mafoko a fe, o a lomaganya jang, le gore o bopa puo ya gagwe jang gore e utlwale sentle mo go yo o reeditseng. Motho o ne a sa dirise lefoko lengwe le lengwe le le mo tlelang mo tlhaloganyong mme e re fela ka ke lefoko la Setswana a ba a re o buile Setswana. Nnyaa, Motswana wa maloba o ne a tlhopha mafoko, a bope puo e lotane, mme e re fa a tla go bua, wena yo o reeditseng o je monate o bo o eletse e kete o ka bua jaaka o utlwa go buiwa.

Malatsing ano dilo di fetogile. Setswana ga se sa tlhole se buiwa jaaka maloba. Se ne se tlotlwa ebile go ipelwa ka sone. Re le Batswana ka bontsi ga re sa tlhole re ela tlhoko gore fa re bua re dirisa mafoko afe; re a dirisa jang le gore a one mafoko ao a ke Setswana tota.

Ka mafoko a mangwe, bontsi jwa Batswana fa ba bua malatsing ano ba robelela fela ba sa ele tlhoko gore ba bua ba reng. Selo se, se dirile gore puo ya rona e sulafale, e bo e farologane thata le Setswana se se neng se buiwa maloba.

E tlaa re mo malatsing a a tlang re tswelele re bue ka mafoko mangwe a a tlwaelesegileng go dirisiwa gompieno mme tota ese Setswana sa nnete. Jaanong ke batla gore re lebelele lefoko 'kgatlhisa.'

Gore kgang ya rona e tle e tlhalosege sentle, a re tseye sekai re re re mo maitisong, go binwa borankana kgotsa mmino wa Setswana jaaka go tle go buiwe. Mo bathong ba ba opelang go mosetsana ke yoo o mosetlhana, o seemo se fa gare, o bidiwa Mmamaretlwana. Mmamaretlwana ga opele o di ntsha ka tlhaa la tlhogo. Mo go ba ba binang go mosimane ke yoo o tshabile monyo mme ene gatwe Twoboy.

Twoboy le ene ga a bine o a di tshela. Fa e le phathisi yone o e betsa gore a ba a khutse ka lengole.  Fa a tsoga fa, go leba yo o sebete. Ka bokhutshwane, Mmamaretlwana le Twoboy ba dira tiro ya bone ka botswerere jo bogolo mo eleng gore batho botlhe ba ba lebeletseng ba a e itumelela, ba a e rata.

Malatsing ano fa go buiwa ka tiro e ntle e e itumedisang, jaaka e re bonang Twoboy le Mmamaretlwana ba e dira, go dirisiwa lefoko 'kgatlhisa.' Ga twe tiro ya go nna jalo e a 'kgatlhisa.' Jaanong potso ke gore a mme lefoko 'kgatlhisa' ke Setswana tota? Nnyaa. Boammaaruri ke gore lefoko le ga se Setswana. Mo go raya gore fa re re selo se a kgatlhisa ga re bue Setswana  se e leng sone.

A gone fa re tlaa re ka go bina ga ga Twoboy go a 'kgatlhisa' motho yo o lebeletseng o a 'kgatlhisega?' Ga re ka ke. Fa re ka bua jalo re tlaa bo re bolaela Setswana pele.

Fa tiro e dirwa ka botswerere le manontlhotlho, e re itumedisa, e tshwana le e re buang ka yone mo sekaing sa rona fa godimo, ka Setswana tota gatwe e a 'kgatlha' eseng e a 'kgatlhisa.'  Batho ba ba lebeletseng bone, kana ba ba reeditseng fa e le gore go a opelwa kgotsa go a buiwa, go atwe ba a 'kgatlhega' eseng ba a 'kgatlhisega.'

Fa go sa twe baa kgatlhega, go ka twe ba 'kgatlhwa' ampo ba 'kgatlhiwa' ke ka fa tiro e dirwang ka teng. Fa re boela kwa sekaing sa rona fa godimo fale, re tlaa re batho ba 'kgatlhwa' ke ka fa Twoboy a binang ka teng.

E re re bua ka paka e e fetileng re re ba kgatlhilwe ke Twoboy kgotsa ba kgatlhegile go bona ka fa Twoboy a neng a bina ka teng. Mafoko a a dirisitsweng fa godimo fale, a supa sentle gore lefoko 'kgatlhisa' ga se Setswana sa tlhomamo ka jaana ga re kake ra re motho o a 'kgatlhisega' kana o 'kgatlhisegile'