Naledi

Ga gona thothi kwa Bokaa

Letamo la Bokaa
 
Letamo la Bokaa

Bakaa ba re fa ba bona metsi a le kana mo motseng wa bone, ba utlwa botlhoko thata ka le fa e le thothi fela ya go nona motsoko tota, ga ba e bone. Ba re ba utlwa gotwe metsi a letamo le la bone, a nowa ke batho bangwe golo gongwe.

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla beke e e fetileng, Bakaa ba supile puso ka monwana bare e ikgatholositse selelo bone sa letlhoko la metsi.

Ba boletse fa ba sa bolo go ikuela mo bagolwaneng ba puso ka go tlhoka metsi, le mororo ba bapile le one.  Ba re, ba ipotsa gore ke eng fela puso e sa gokele dipompo go tswa mo letamong le, go nosa morafe.

Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa, o boletse fa Bakaa ba sotlwa ke lenyora botlhoko. A re ditiro di le dintsi mo motseng wa gagwe, tse di batlang tiriso ya metsi, le tsone di eme. A tlatsa ka gore, tota ga go monate mo go ene go bona morafe wa gagwe o sotlwa ke lenyora. O boletse fa lenyora le, le babalela lebone baithuti le barutabana kwa dikoleng kwa go tlhokegang metsi a mantsi teng letsatsi le letsatsi.

Kgosi Mosinyi a re bone e le Bakaa, ba ne ba solofetse gore fa go agiwa letamo la Bokaa, lenyora le tlaa fela, mme ba swaba go bona le bile le oketsegile thata. A re morafe wa gagwe ga se o o gogang dinao mo ditirong le ditlhabololo tsa motse wa bone, mme fela ka ntlha ya go tlhoka metsi, ba goga bokete. Ke sone seo ba kopang gore, a seemo se se maswe se, se baakanngwe.Batsadi le bone ba lela thata ka go sokola, ka ba leka go bona gore bana ga ba ye sekoleng ba le leswe, mme go pala ka jaana fa gongwe, go tlhokwa le yone thothi fela ya go intsha dithoko.

Mogolwane wa koporase ya metsi, Mmetla Masire, o boletse fa ba itse ka seemo sa metsi kwa Bokaa, mme a solofetsa fa se tlaa akofelwa gore morafe o se ka wa tshela ka lenyora. O boletse fa motse o wa Bokaa o tlaa sielwa metsi ka ditanka tse ditona fa dipompo di sa ntse di baakanngwa.