Naledi

Go ritela, bana ba a beolwa

 

Ra tswelela ra re, fa bo jewa, ga bo tsholwe, go jelwa mo potwaneng e e neng e apeile, bana ba a ja ka go rulagana ga bone. Go je yo motona pele, a salwe morago ke bomonnawe. Fa go na le wa mosimane, le fa a le monnye mo go ba basetsana, go twe o tshwanetse go ja pele ga bana botlhe ka ke ene rraabo. Bogobe jo, jaaka re boletse, ga e re bo setse, bo jewe; bo a latlhiwa. Gape, bogogo jwa bone ga bo jewe, go jewa bone bogobe fela. Gongwe sengwe gape se re ka se supang ke gore, go jewa ka loswana lo le longwefela fela, bana ba botlhe ba lo fapaanela..

Kgang ya rona e ne ya wela e re, Batswana ba re, segwetshana se gata bohutsana. Ga twe, se dira gore, bana ba itlhoboge, ba lebale motsadi wa bone yo o ileng, jaaka Batswana ba bua ka motho a tlhokafetse. Go twe, fa ba sa se ja, ba tlaa nna ba mo gopotse, mme bohutsana bo age mo pelong tsa bone, ba nne fela ba tlhoname, kgotsa ba utlwile botlhoko. E se ke e nne seemo se se monate. Mongwe o ka botsa gore, a mme go felele fela ka go ja segwetshana? Karabo ke gore nnyaa.

Go ritela tiro ya go ja segwetshana kana go e feleletsa, bana ba a beolwa mme ba nne ba tle ka go tlhatlologana ga bone; yo motona pele, a latelwe ke ba bannye. Fa ka segwetshana ba fapaanela loswana, fa ba beolwa gone, ga go nne jalo; mongwe le mongwe o nna le logare  (razor blade)  lwa gagwe. Go beolwa moriri otlhe, tlhogo e sale e phatsima. Fa ka mabaka mangwe ngwana a sa batle go beolwa tlhogo yotlhe, o ka beolwa go le gonnye fela, mme go twe go dirwa sepheko. Go beolwa gone ga twe ke go ntsha sefifi kgotsa bomadimabe ka loso ke selo se se maswe. Fa go se na go beolwa, fela jaaka gale, moriri ole o a latlhiwa. E bo e le fa tiro e ritetswe.