Naledi

A re emeng nokeng bakapa-ditshwantsho

Bangwe ba bone ke bo Sandy Grant le ba bangwe. Ya re dingwaga di ntse di feta, ra bona jalo dinepe tsa metlobo ya ditso di supiwa ke babega dikgang ka go farolgana ga bone, ba dipampiri tsa dikgang tse di ikemetseng ka nosi le tsa puso.

Re bona gape malatsi a no, bakapa-ditshwantsho ba ntsifala monogae e bile bangwe ba bone jaabong ba setse ba gweba ka dikitso tsa bone, selo se re se akgolang e bile re se rotloetsa.

Le fa go ntse jalo, re itumelela go bona malatsi ano, baithuti ba dikole tse dikgolwane tsa ithutelo bobegadikgang, ba kgatlhegela go kapa ditshwantsho.

Re kgothatsa bao ba ba kapang ditshwantsho go tlhwaafalela go dira jalo, mme re dira se, ka go akgola mokapa-ditshwantsho Thalefang Charles go bo a bone go le botlhokwa go kapa ditshwantsho ka ditiragalo tsa mono gae, jaaka phetogo ya lewapi, bojanala le makgabisanaga, tota le kunyo ya lefatshe leno ya ngwao le ditso tsa Setswana.

Tsholofelo ya rona ke go bona Charles le bangwe ba kapa-tshwantsho monogae, ba tlhabololo tiro ya bone ka go dira jalo go ka thusa go rekisa ditso le bojanala jwa lefatshe leno.

Re akgola gape barotloetsi ba mohama o wa bojalala bogolosegolo ba ba emang nokeng babegadikgang le baka-ditshwantso ba mono gae. Re ka nankola mohama wa baemedi ba mafatshe a sele jaaka ba Amerika le ba ga Mmamosadinyana, ba ba supileng thata fa ba kgatlhegela tiro ya go kapa ditshwantso tsa mo gae.

Kgothatso e nngwe ke gore, a makalana a a ikemetseng ka nosi mono, le a a gwebelang puso, a kgabise dikago tsa o ne ka ditshwantsho tse di kapilweng monogae.