Naledi

Ke Gopola Soares Katumbela

 

Go nnile thata go amogela sehularo se se bonokwane, sa phamo, sa tebatsa se se tsubutseng tsala ya me, Soares Katumbela yo o sa tswang go bolokwa ka Matlhatso.

Go rakana le Soares

Soares ga ke bolo go mo itse ka metlha ya koranta ya mmamoratwa ya Setswana ya Mokgosi. Nako eo, ke nako e bo Mogakolodi Boikanyo ba ne ba sa rate go bega thata ka moopelo wa Jazz le Traditional o o ne o santse o itshetlela ka dinako tsa bo Maxy Sedumedi, Machesa, Kgobola, Lister Boleseng, Duncan Senyatso, Mr Magic Diau ba sa le basha go utlwala le go amogelesega. Nako e, ke ya fa Alfredo Mos, Vee, Third Mind, Eskimos ba tuka malakabe, mmegadikgang a phatsima fa a begile ka bone. Kwa Mokgosi, barulaganyi Pamela Dube le Thapelo Ndlovu ba ne ba nthoma go kwala ka maitiso le dikgatiso tsa Jazz le Traditional.Maitiso a ntlha re a bega, Soares o ne a biditse baopedi ba akaretsa Jimmy Dludlu le Duncan Senyatso kwa Blue Tree. Morago Soares o ne a itumela thata, a nteletsa mme a mpha pego a supa fa a kgatlhilwe ke gore go kwadilwe ka Setswana, a bua gore ga go a tlwaelesega mme go monate.

Soares o ne a boa a dira maitiso kwa Mogoditshane kwa Blue Note foo e le tiro ya Mahube e akaretsa bo Steve Dyer, Selaelo Selota, Ndingo Johwa, Dieketseng, Eric Juba le Lister Boleseleng ba le mo Abraxas le Oliver Mtukuzi. Fa ke gone mo ke ne ka lemoga gore barati ba Jazz ba tlwaetse koranta ya Mokgosi ka e ne ya re fa gare ga maitiso, Soares a bega gore ke teng, mme bontsi jwa mpha pego ya gore ba itumelela dikanoko tsa baopedi ba Jazz tse re di dirang le go bega ka maitiso a yone.

Go ne go ama ka jaana le ba itshireletso ba a ne a ba thapile, ba ne ba batla go mpona ka ba bala ka teme e ba e tlhaloganyang morago ga maitiso, ba supa fa ba rata thata.

Lorato le kamogelo ya baitshireletso di ne tsa re direla tiro motlhofo, ke ne ka kgona go tsena bonolo le mogolle Thapelo Ndlovu yo ka nako eo a ne a sena thekethe. Tsala ya me Thapelo o ne a rata thata pina ya “Tirr Pha!” ya ga Selaelo Selota, yo o ne a e mo opelela ka botswerere a bile a apotse hempe! Ra tswelela ra nna ra bega ka ditiro tsa gagwe kwa Mochudi foo a biditse Crooners go tswa kwa Zimbabwe. Soares o ne a dira madirelo gape mo Village mo Gaborone a le one kwa Mokgosi re ne re bega ka maitiso a one, a nna a re a laletsa ka gale.

Sweden

E ne ya re re biditswe ke ba Sweden go boka koo, ra rakana le Soares kwa Stockholm a isitse sethakga sa kopelo Nunu Ramogotsi. Re ne ra diragatsa mmogo mo Stockholm ka letsatsi la Boipuso bo rulagantswe ke moemedi wa Botswana koo rre Lamerk Nthekela. Baopedi e ne e le Nnunu le Banjo Mosele fa baboki e le e le Barolong Seboni, TJ Dema le nna ka sebele. Ka tlhokalesego beke ya me ya matlalo e ne e ise e goroge, mme ka ngunanguna le Soares, ra tswa ka leano la gore ke bofelele jesi ya gagwe e phatshwa  mo lethekeng fa ke boka, e tla tshwana le kgomo e phatshwa mme baki ya gagwe e thokwana ke e kaletse mo molaleng go nna mmoki yo o mapeka. Bosigo joo bo ne jwa re natefelela mme ra simolola go bitsana “Stockholm.” Tota re raya yone kapari e re ne ra e logela leano ka pela go palama serala.

Francistown Jazz Festival

E rile ke sena go golola CD ya Nkokowe, ka kopana le Soares yo o ne a nkgakolola gore ke e bapatse jang, le go ntlhatlhelela ka dikgwetlho tsa boopedi. O ne a mpitsa ra bua ka yone mo thulaganyong ya gagwe ya Jazz kwa Duma,  a sena go tsaya lebaka le le leele a e reeditse. A mpolelela a sa bonye gore fa e ne e se molodi o ne a ka seke a bue ka yone mo seromamoeng, mme a bolela fa a rata thata “Tautona” le “Honey.” Soares o ne a tsaya CD a e rekisa kwa madirelong a gagwe, a bo a ya Germany le Sweden ka yone. O ne a e isa kwa Lephalalo Jazz Festival a supa fa e amogelesega sentle le ya ga sekgantshwane Tomeletso Sereetsi.

Moragonyana Soares a ntaletsa bokopano a re renwe tee. Mo bokopanong a nkopa gore re rulaganye maitiso a Francistown Jazz Festival, a supa e ne e sa atlega la ntlha, mme a eletsa gore a e dire gape ka kgwedi ya Lwetse. A ntekodisa ba a eletsang ba diragatsa mo maitisong a, mme a supa fa a sa bone thotloetso sentle a re re thusane ka maano a go batla barotloetsi le kanamiso e e tseneletseng ya tiro ya gagwe. A supa gape gore o eletsa gore ke ye go tsamaisa tiro le Donald Seberane le McCollen Moleele Soares o ne a tshwenyega ka se a ne a se bitsa Activation. Mme a tloga a tla a tletse boitumelo a supa fa Duma e mo amegetse e bile ba dira “Activation” kwa Palapye e a ne a e ratile thata a galaletsa tirisanyo ya gagwe e ntle le Duma mme a phophotha thata Donald Seberane, “Mokoka, rre yo o a ntlotla waitse, mme o na le maeeemo...” mogoma a bua a sugasuga diatla. Ra bua thata gore a bue le dikompone le babegadikgang, mme ra nna ra lekodisanya fa a atlegile le a sa atlega. Morago a kopa gore ke etelele pele lekoko la gagwe la dipaakanyo tsa moletlo wa Francistown le lekoko la Streethorn le akaretsa Zozo Mphinyane le Getrude Mphodi ke ne ka itsese bagaetsho ba Motlhaolosa Poetry Ensemble mme ka rebolelwa go dira le Gouws Letsatsi, Mpho Sekao,  Lebo Mogwera le Daniel Mogami.

Re ne ra bitsa babegadikgang kwa Wagga Gardens mme go lebega tiro e tla atlega ka dikompone di ne tsa itshupa go re ema nokeng. Babegadikgang le bone ba tla pitsong ka dipalo tse dintle. Babegadikgang ba ne ba botsa dipotso tsa bone tse di tseneletseng mme ra dumela gore re di arabile ka boamaruri, e bile di re fatlholola fa go ne go lebalesegile. Koo mmoki Gouws Letsatsi o ne a diragatsa le moduduetsi wa rre Kgwathe. Morago ra itisa ka mosokwanenyana. Pelo ya ga Soares e ne e le tshweu a bona gore mme gone go ya teng, e bile a leboga thata morwarragwe George Katumbela le mohumagadi go bo ba thusitse ka lefelo.

Morago re ne ra ya “Activation” le Soares kwa Francistown, go ya go rurifaletsa banni ba koo gore ke nnete maitiso a teng. Re ne ra tsenela kwa Old Museum, mme ra diragatsa le rre Lister Boleseng mo go ya ka tebo ya rona go ne ga itumedisa barati ba mmino ba ba ne ba le koo.

Maikaelelo ka Francistown

Soares o ne a na le maikaelelo a magolo ka toropo ya Francistown. O ne a supa thata fa a goletse teng e bile a rata thata gore toropo e e tume ka Jazz ka ditso di supa fa e simolotse koo kwa Bluetown. Ka jalo o ne a senkile lefelo la Old Museum gore e nne boremelelo jwa ditiro tsa gagwe. A bua gore fa a kgonne, kgwedi le kgwedi o tla a bo a dira maitiso teng go fitlhelela batho ba tlwaela lefelo le. A supa gore thekiso ya dikgatiso tsa baopedi ba Botswana o eletsa gore a e godisetse mo lefelong le. Mme a itumela thata gore botsamaisi jwa Museum bo mo amogetse ka tsoopedi go ka dirisanya nae. Soares o ne a supa gore o eletsa gore ngwaga le ngwaga a tshware moletlo wa Jazz a akaretsa baopedi ba mo gae ba ba farologanyeng le ba kwa ntle, mme boremelelo e le Francistown Old Museum. Mogolle o phirima jaana a ne a golagantse megagamole ya mo gae, diphalafala, Lister Boleseng, Tomeletso Sereetsi, Shanti Lo, Mshilo, bana ba Ntogwa le bo Dj Papi le Dj Milton go ya go diragatsa ba panne le ba Aferika Borwa Ringo Madlingosi le Selaelo Selota.E ne ya re ka Labotlhano bosigo, re sena go utlwa ka sehularo sa tsala ya rona, baopedi Lister Boleseng, Tomeletso Sereetsi, Shanti Lo, Moroka Moreri, ba na le Zozo Mphinyane ba kopa go ya go tsweledisa maitiso e le go tlotla toro ya ga rraetsho Soares. Se e ne ya re moso wa Matlhatso sa lebega se fentswe ke ba ba ne ba dumela gore maitiso a a seka a nna, a sutisiwe. Dipelo tsa bagaka ba di ne tsa ngosela go utlwa se, mme ba amogela tshwetso e e tserweng ke ba kakanyo e nngwe. Fela ba ne ba lebega ba ititelile sehuba gore se ba ne ba ka se dira Matlhatso ao, se ne se tla kgotsofatsa thata segolo bogolo moya wa ga Soares, gore letsatsi le a le beileng le tlotlomale.

Go tsamaya ga ga Soares

Batswana ba re loso ga le bitse o ganang. Ba re re le apere le moja wa kobo. Ba re ga se tlhaola malata. Lekwalo lone la re ga re itse nako le motsotso, mme e bile loso ke tsala mo go rona. Fela mogolle o hulere. Boamaruri ke gore ga a re laela le fa e le go re itekodisa. Mme re amogetse. Re ne ra tsaya tshwetso ya gore ga re baatlhodi, go itse ene le Modimo wa gagwe. Sehularo sa gagwe se ka ranolwa ka ditsela tse dintsi, mme sehularo se dingwe tsa tse re ka di buang ke gore;  Soares o ne a ratile moopelo wa Jazz mo go kalo mo o ne a o swela. Ka jalo ke mo tsaya jaaka mogaka le moswela tumelo. Re paletswe ke go utlwela kwa teng thomo e e ne e mo ja, le go e tlhaloganya ka tsenelelo, mme nako e sa le teng go ka tlhatlhanya ka yone. Go thata go dira le go ikaega ka moopelo mo lefatsheng leno. Sehularo sa gagwe kana loso lwa gagwe le ka thusa, la re raya sengwe gore bodiragatsi bo reediwe ka tsebe e e kwa teng gore e re isago bo se hupetse ope ka selekanyo se mogolle a ne a hupela ka sone.

Go botlhokwa go reetsa motho fa a na le toro ka sengwe le go mo ema nokeng. Gongwe Soares o re raya a re ga le a ntheetsa, ga le a nkutlwa, ga le a ntlhaloganya.

Moopelo o na le bokamoso, e kete bangwe le nna ke le mo teng, re ka rulaganya letsatsi la go ruta phatlalatsa“ Public Lecture,” go buiwa ka bomosola jwa go ema ka thata bodiragatsi go bo fetola kgwebo, thoto le mofuta wa kabakanyo itsholelo ya lefatshe leno. A mme mongwe o itse sentle mahatla a badiragatsi gore tota ba batla eng le gore tsela e ba e tsereng e ka ba siamela fa go ntse jang? E kete sehularo sa gagwe se ka betla ka bonolo tsela e e botoka ya thotloetso bodiragatsi ke banaleseabe botlhe.Kwa bofelong ke akgola botlhe ba ke ba itseng le ba ke sa ba itseng ba ba emeng maiteko a ga Soares nokeng le botlhe ba ba tshwanang le ene. Ke akgola thata puso ka lephata la MYSC go nna teng kwa Press Conference le seabe se ba ne ba re itsese fa ba se ntshitse, ga mmogo le go itlama bosigo jwa Labotlhano gore ba tla ntsha modiri go ya go tsweledisa toro ya ga Soares e ba ne ba e eme nokeng. Ke akgola ba Khansele ya Francistown go bo ba ne le ka Labotlhano bosigo ba bua le rona gore ba ntse ba swela dikano, re gore re phuthologe ba tla thusa fa ba ka go kgonang. Ke akgola barotloetsi botlhe ba re ba itseng, le ba ba ne ba itswewe ke mogolle go bo ba ne ba ema nae go ya bofelong. Badiragatsi Shanti Lo, Tomeletso sereetsi, Lister Boleseng, Amantle Brown, Bana ba Ntogwa le barulaganyi Zozo le Gettie le dinatla le dinaledi. Babegadikgang botlhe ba le ne le tsere tiro e ka mafatlha, le nnile bagaka!

Tsholofelo ke gore mongwe o tla ema boemong jwa ga Soares kwa Francistown e a ne a e ratile bobe, le bodiragatsi jo e ne e le botshelo jwa gagwe. Le a hulere, mogolle o tsere seetsele!! O itirile lenaka la mekgwatlha, a lela mekgwatlheng ya Botswana le mafatshe – Streethorn. Mo dikwalong o tshwana le the Pied Piper of Hamelin – Streethorn!

Ga ke moatlhodi, mme ka re Soares ke Mogaka!!