Naledi

Pula nkokodi!

Ditshupo tsa Maru A Pula ko Thapong
 
Ditshupo tsa Maru A Pula ko Thapong

Mongwe wa bone ke Thalefang Charles, go tswa Serowe, ele mokwadi wa tsa bojanala le ditsatlholego.

Letsatsi e ne ele Labone beke e e fetileng, ka dipalo tse di kgatlhisang, Charles a bo a supa ditshwantsho tsa gagwe kwa Thapong Visual Arts Centre, ele ka dinako tsa lotlatlana.

Setlhogo sa disupiwa ya bo ele Maru A Pula, ditshwantso ya bo ele tsa mafelo a a farologanyeng mo lefatsheng leno, a Charles a fetileng ka o ne, mangwe a  a etetse jaaka a rata go tlhotlhoma le mafelo a bojanala.Molalediwa wa tlotla kwa moletlong o, ya bo ele moitsaanape wa dithuto tsa diteme kwa mmadikolo (UB) Professor Thapelo Otlogetswe. O kaile Charles jaaka mogaka yo bale bantsi ba tla sekeng ba mo lebale mo tirong ya gagwe ya go boloka ngwao le matlotlo a ditso le bojanala jwa lefatshe leno, mme dirisa sekapa- ditshwantsho.

Otlogetswe a re fela jaaka bataki ba maloba ba Basarwa, ba baneng ba taka mo majeng le dikgaga, Charles ene o dirisa botswerere jwa go kapa ditshwantsho tsa se nnela ruri, tse dikokomane di tla di fitlhelang di bolokesegile.

Ya re a itsatsanka, Charles a tlhalosa fa setlhogo sa Maru A Pula, se kaya boipelo jwa go nna Motswana, tota le go goleleng ga gagwe kwa legaeng. A re o godile, fela jaaka bana ba bangwe, ba tshamekela mo puleng bare, “pula nkokodi, pula nkgodise, ke tla gola leng”, ya bo ele jaaka ba itumelela marothodi a moroto wa letsatsi.  Charles a re go goleng ga gagwe ka bonana, o ne a ithuta gore maru a runya ntlheng efe. A re e ne e re fa maru a tswa ntlheng ya Borwa-Bophirima jwa motse wa Serowe, ntlheng ya Mogatsapoo, a tlhanole direthe ka a ne a itse gore ke pula ya matlakadibe, e e tla bakang mathata.

O ne a tshegisa barotloetsi ka gore, e ne e re fa maru a pula a goroga ka dikgadima, a itlhaganelele go gakologelwa gore o tshwanetse a sireletsa diipone mo ntlong ka dikhai kana matsela, se ele ka tumelo ya gore fa legadima le lemoga seipone, le a shakgala mme gongwe le rathe ntlo ya kwa gagabo. Charles a re fa ale monnye, pula e ne e tlisa boitumelo jaaka jwa go tshamekela mo go yone, mme fa gongwe ene e kgoreletsa fale le fale ka diemo tsa yone.

“E ne ere fa pula ya medupe ena, re itse gore pitsa ya madombi ka koko e ya go kgakgatha, re e emetse jalo fa thoko ga leiso mo ntlong ya sesoa, go kgotletsa go sa fele,” Charles a rialo. A re e ne ere fa ba eletsa madombi, ba lope gore pula ene. O tsweletse a tlhalosa gore, e ne ere fa pula e na e gateletse, e ba senyetsa sebaka sa go tshamekela mo patlelong mme ba itshereletse ka maribela.

“Mmemogolo o ne a tle a re kgalemelele go nwa marothodi a marulelo a bojang, a re go anwa go tla re buisa seleme,” a rialo Charles.

A re o ratile Maru A Pula ka gore ko masimong bane ba anwa metsi a pula a a beeleditsweng ka dinkgwana le dikgamelo, ka a ne a se letswai jaaka a metobetso.

Go ya ka molebeledi wa thekisi ya ditshwantsho tsa Charles tsa Maru A Pula, Kelebogile Machacha, ditshwantso tsa ga Charles di ngoka bareki fela thata, kwa Thapong, ka theko e e gakgamatsang. Ditshwantsho tse, di ka bonwa kwa Thapong go fitlhela kgwedi ya Diphalane ele bone.