Naledi

Nyalo ga se papadi � kgaolo 2

Letshwiti a re, o dira se ka gore mosadi wa gagwe Tlamelo o tsene mo nyalong e nngwe ba santse ba nyalane mme batsadi ba gagwe Dolly Moagi, a patilwe ke monna wa gagwe wa nako eno, Pilane Ditshweneng, ba rotloeditse nyalo eo le go amogela magadi.

E ntse ele mo polelong eo, Tlamelo o ne a bolelela Hendrick gore ene ga a sa tlhole a batla gore a mo nyale ntswa a sa bolo go mo ntshetsa magadi. Lekgotla le ne gape la utlwa fa Tlamelo a setse a tloga a nyalwa ke Mogae Sono ka leene a mo ntsheditswe magadi.

Kgang e, ya nyalo lefufa mo kerekeng ya IPHC, Naledi e ne ya e tlhodumela thata mme ene ya re mo potsolotsong maloba le rraagwe Tlamelo, ebong Kenneth Moagi, a bolela fa Kereke ya IPHC e tswa kgakala e na le thulaganyo ya nyalo ya mosadi godimo ga yo mongwe. A re ke nyalo e gape e e bidiwang sethupe.

Moagi a re go tewa monna a nyala mosadi wa bobedi wa ntlha a ntse ale teng. O boletse fa gotwe lengwe la mabaka a go nyala lefufa, ene ele gore mosadi wa ntlha eleng wa ga Hendrick Letshwiti mo sebakeng se, a bo a ise a nne le ngwana, ke ka jalo Hendrick a neng a batla go nyala Tlamelo ka nako eo.  Moagi, a re o tshwenngwa gape ke gore fa monna a nyetse basadi ba babedi ka tlhakanelo dithoto, mogang go diragala gore ba tlhalane, go a go dirwa jang. 

O tsweletse a re o ne ale kgatlhanong le thulaganyo ya gore ngwana gagwe ebong Tlamelo, a nyalwe lefufa ke Hendrick. Ya re nako e ntse e tsweletse ya ditherisanyo tsa tseo, Moagi a bo a supa fa jaanong a kgapetswe thoko mo mererong ya go nyalwa ga ga Tlamelo ka a ne ale kgatlhanong le yone. Lebaka la ga Moagi ka nako eo, ene ele la go gana gore ngwana wa gagwe a nyalwe ka lefufa. 

Moagi a re nyalo ya ga Tlamelo le Hendrick e ne ya rerwa le go dumalanwa ene a kgapetswe ko thoko, ya bo ya isiwa kwa Kerekengkgolo ya IPHC kwa Silo, kwa Aferika Borwa.

Tsheko ene ya tlosolosiwa mo letsatsing le letla bewang go fa mongongoregi sebaka sa go rulaganya melato sesha.