Naledi

Dikhwaere di romela molaetsa ka EMV

Fa e ne e le kgaisano ya dikhwaere di le lesome le bongwe tse di tswang mo kgaolong yotlhe ya Kgatleng, le e le nngwe go tswa Ga-Mmangwato.

Dikhwaere tse, di ne di le mo ntweng e e matlho mahibidu ya kgaisano e e neng e rotloediwa ke lekgotla la ditlhopho la Botswana mabapi le go gasa molaetsa ka motshine o mosha wa ditlhopho(EMV) o puso e bolela fa o tla a dirisiwa e le lantlha mo ditlhophong ka ngwaga ya 2019. Eleng seo jaanong lekgotla la ditlhopho le bonang go le kaone gore Batswana, ba eleng bone batlhophi ba seka ba goroga kwa ngwageng ya ditlhopho ba sena kitso ka one.

Ka Bakgatla ba rata thata dikopelo, ba ne ba bolotse ka dipalo tse di kwa godimo go tswa mo metseng ya Kgatleng ka go farologana, go leba kwa masimong a Mabolaelo go ya go bona jaaka dikhwaere tse ba di ratang di suputsana go lwela maemo a ntlha, le gone go gasa molaetsa ka setlhogo sa motshine wa ditlhopho o o tsusitseng dipuopuo. Kgaisano e, e ne e ngokile dikhwaere tsa Kgatleng ka bontsi, mme le yone mekaloba e e itsegeng go ralala lefatshe lotlhe ka ntlha ya kopelo ya yone, eleng Rangers Marena, Kgalapitse, Mawelana, Makgatlheng le Bodiakhudu ya bo e le teng go tlhaba ntwa e. Gone le fa ntwa e ne e le e e mashetla jaaka dikhwaere tsotlhe di ne di lwa ka sengwe le sengwe go gwetlha bosimega jwa kgaisano, babogedi ba ne ba bona sentle gore ntwakgolo tota yone key a dikhwaere di le tharo. Tsone e le Rangers Marena go tswa kwa Artisia, Kgalapitse Molapo o montsho go tswa kwa Kgalapitse le Bodiakhudu, tse e neng e re di palama serala babogedi ba eme sentle go akola molodi o o tatso e monate go tswa mo go tsone. Kgaisano e, e ne ya supa gore baatlhodi ba tla a tshwaragana le bothata ka nako ya katlholo go ntsha bafenyi, le fa gone go ne go itshupile gore dikhwaere tse tharo tse di kwa godimo ke dif e, Kgalapitse e ne e tshwanetswe ke maemo a ntlha, Rangers fela le yone a ne a ntse a e tshwanela, fela jalo le Bodiakhudu. Ka nako ya baaatlhodi ba ntsha maduo, babogedi ba ema sentle go utlwa gore ke di fe dkhwaere tse di neng di tshotse molaetsa o o maleba wa motshine wa ditlhopho. Babogedi ba ne ba bolela fa ba jele monate wa dikopelo tsa Sekgatla, mme gape ba boa ba amogela gore Bodiakhudu ke bone ditshimega, maemo a bobedi go le Rangers a boraro Kgalapitse tse di supileng fa di ne di ipaakantse thata.