Naledi

Kgosi Malope tlhokotsa thupa ya mokwatla

Kgosi Malope PIC: ZOLANI KRAAI
 
Kgosi Malope PIC: ZOLANI KRAAI

Selelo se, se utlwetse gape ka Kgosikgolo ya GaNgwaketse, Kgosi Malope II a lela thata ka botlhokatsebe jo bo mo kgaolong ya gagwe.

Kgosi Malope II o boletse mo phuthegong ya kgotlakgolo ya GaNgwaketse gore, morafe wa gagwe le baeng botlhe ba tshelela mo letshogong le le bakwang ke banana bangwe ba ba iphetotseng dirukutlhi.

A re banana ba, ba ipitsa maina a maikgantsho jaaka Matsetsenkane le Merubisi.

A re Bangwaketse ba setse ba sa itse gore tota ke ba tshabele kae, ka magae a bone jaanong a setse a fetogile mafelo a dikgobalo le dipolao le go bogodu.

O boletse fa go ipopa digongwana ga banana ba, ele molato o ba ka o sekelang ba bo ba o otlhaelwa.

“Ga re sa tlhole re kgona go laola boitshwaro jwa merafe ya rona segolobogolo botlhoka tsebe jwa banana, ka re eteletswe pele ke puso ka go tsaya dithata tsa rona tsa go atlhola mo re bonang gole maleba,” Malope a tlhalosa jalo.

Malope II a re puso ga e a dira sentle go fedisa thupa ya mokwatla ka e le yone fela e e neng e kgona go latlhisa motho bosinyi le borukhutlhi.

A re o lopa gore thupa ya mokwatla e busediwe, a bolela fa ya marago e sa dire pharologanyo epe mo go fetoleng boitshwaro jwa motho.

Mabapi le leruo, Kgosi Malope II o ne a bolela fa bogodu jwa lone bo tshwenya thata, mme a kopa barui go tlhokomela leruo le, le gone go le tshwaya ka matshwao le ditshipi tsa bone gore go seka ga nna bonolo go utswiwa.

Malope o kgothaditse Bangwaketse go ema ka dinao go itlhotlhora lehuma la nta e tshetlha, mme ba tsene mo temong ka bontsi jaaka dipula di tloga di simolola go na.

Ya re o kgwa kgosi dikgaba, morafe wa bolela fa le one o lela thata ka banana ba ba mo borukutlhing. Wa re o setse o akabetse fela e bile o sa itse gore o ka lwantsha seemo se sa banana ba ba mo borukutlhing jang.

Morafe o boletse fa thupa ya mokwatla e le one fela molemo o o siametseng go laya banana mabapi le bosinyi jwa bone.