Naledi

Nyalo gase papadi � Kgaolo 1

Hendrick Letshwiti le Dolly Moagi (Mmaagwe Tlamelo ka fa molemeng) le Tlamelo Moagi ka fa mojeng
 
Hendrick Letshwiti le Dolly Moagi (Mmaagwe Tlamelo ka fa molemeng) le Tlamelo Moagi ka fa mojeng

Moiphemedi ya bo ele Tlamelo Moagi wa Mochudi yo o nyetsweng ke Hendrick Letshwiti wa Mogobane ngogola ka Mopitlo ale bone. Lekgotla, ka tsamaiso ya ga Kgosi Mabodisa Montshiwa a thusiwa ke Kgosana Luke Tsheole, la utlwa fa Hendrick a sekisetsa mosadi wa gagwe ditshenyegelo tsa magadi a a dikileng a a ntshitse ngogola le madi a tante.

Letshwiti a re ka Tlamelo a setse a nyetswe gape ke monna yo mongwe, o batla ditshenyegelo tsa madi a a ka tshwarang dikete dile lesome le bobedi le makgolo a matlhano (P12,500) ele a bogadi, le madi a tante e e lopileng dikete dile lesome (P10,000).

Letshwiti o ne gape a tlhalosetsa lekgotla ka fa a neng a tsena mo nyalong le Tlamelo ka teng. A re morago ga go ipala mebala ya kgaka, lerato la bone lene la ya magoletsa mme ya re ka Mopitlo ngogola ba nyalana.

Hendrick a re thulaganyo ya nyalo ya bone ene e okametswe ke kereke e a e tsenang ya International Holiness Church (IPHC).

E ne yare ngogola, Naledi ya amogela rraagwe Tlamelo eleng Kobedi Moagi, a bolela fa a sa itumelele ka fa a rontshitsweng tshono ka teng ke mosadi wa gagwe wa pele Dolly, eleng mmaagwe Tlamelo, go nna le seabe mo ditherisanyong le dithulaganyong tsa lenyalo la ga Tlamelo le Hendrick.

Naledi e ne ya dira maiteko a go buisana le baruti ba kereke ya IPHC mme ba lesupa le le fa! bare ga ba kake ba amogana dikgang tsa ditsamaiso tsa kereke le bobegadikgang. Dikgang tse Naledi eneng e batla go di rurufatsa ke gore, a kereke ya IPHC e rotloetsa nyalo ya lefufa mo malokong a yone le gore a ene e itse fa Hendrick ane a nyetse pele ga a nyala Tlamelo.

Mmaagwe Tlamelo, Dolly, ka nako eo o ne batla go gana go buisana le Naledi mme mo puisanyong le mmegadikgang wa Naledi Zolani Kraai, a iphitlhela a rile, lefa a sa batle go kwala ka ene, fela o ne a sa bone gole botlhokwa go akaretsa mogatse wa pele eleng Kobedi, mo mererong ya nyalo ya lefufa la ngwana wa gagwe, Tlamelo.

Ka nako eo, Hendrick yo gompienong a lelang ka gore mosadi wa gagwe o nyalwa ke monna yo mongwe, magatwe a a tlhomamisitsweng ke Kobedi, rraagwe Tlamelo, o ne a setse a nyetse ka fa molaong wa Botswana wa lenyalo, mme ebile a nyala Tlamelo ka lefufa, se ele jaaka kereke ya bone e laola.

Le fa gontse jalo, Letshwiti a re, o ne a batlelwa mosadi eleng Tlamelo, a bo a ntsha magadi jaaka ditumalano tsa morero wa batsadi di ne di laola. A re, fa a sena go ntsha magadi mosadi wa gagwe Tlamelo, a isiwa gagabo kwa Mogobane, mme thulaganyo e le gore le fa a sena go isiwa jalo, mokete le tshegofatso ya lenyalo, di tla rulaganngwa ke kereke ya IPHC.

Lekgotla le na gape la utlwa fa nyalo ene ya seka ya tswelela ka mongwe wa baruti ba baneng ba tshwanetse go le segofatsa, a ne a tlhokafala. Go boletswe fa dikgwedi dine tsa feta mme morago, ka ditumalano tsa batsadi boo-babedi, Tlamelo a rebolwa go boela gae gore moragonyana fa seemo se boela mannong, a isiwe kwa kerekeng go nyadisiwa ka tsamaiso ya kereke.

Hendrick a re, gone go solefetswe gore e tlaare ka kgwedi ya Diphalane ngogola ba bo ba setse ba nyadisitswe, mme ya nna gape letsatsi le ba saleng ba le beile fale! A re gone ga dumalanwa gore ba tla nyalana ka kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 2016.

Letshwiti a re, ka Tlamelo e ne e le mosadi wa gagwe, a dumalana le kopo ya gagwe ya go tlosolosa lenyalo mo kgweding e le neng e beilwe. A re, morago ga foo, ya nna maloba le maabane.

Letshwiti o tsweletse a re, go ne ga tsena mmuane magareng ga gagwe le Tlamelo, ba feletsa le kereke ba sa e tsene mmogo. Seemo sa itsa le go buisana  tota.  A re, ka a ne a sa itse gore gare go tseneng , Tlamelo a simolola go mo orisa mosi wa kgong tse di metsi. A re, fa a moleletsa ga a arabe mogala fa gongwe a kgona go ya kerekeng kwa Aferika borwa a sa mmolelele, mme a mo utlwalela ka batho.

Letshwiti a re, o ne a tsaya kgato go ikopanya le mme mmaagwe Tlamelo gore a mo mmoletse gore mathata ke eng, fa go setse go diragala jalo. A re go tsere nako gore Mmaagwe Tlamelo a mmusetse phetolo go fitlha ka jaana.

Hendrick o tsweletse a re e rile ngwaga ono o  simologa, a leka go bua le mosadi wa gagwe ka go mo romelela melaetsa ka mogala mme phetolo ya nna gore, ‘ga ke sa tlhole ke batla lenyalo’. Letshwiti a re, go utlwa ka seo, a gopolaMogobane go itsise batsadi ba gagwe. A re, le bone go utlwa kgang eo, ba mo raya ba re go letelwe kgang go tswa kwa batsading ba ga Tlamelo.

A re fa ba ntse ba letetse kgang eo, mmaagwe Tlamelo a leletsa mogolowe Hendrick yo motona wa rre e bong Letshwiti Letshwiti. A re, o ne a mo kopa gore a mo tlhole ba tle go bua sengwe mme bokopano ba seka ba nna ka Mmaagwe Tlamelo o ne a palelwa ke go bolela gore pelediwa ke ya eng fa a mmotsa.

Letshwiti a re, ka kgwedi ya Phukwi a le masome a mararo ngogola, ba utlwa magatwe a gore Tlamelo Moagi o ne a ntshetswa magadi ke Mogae Sono. A re, ka a ne a sena bosupi ka kgang eo, a ya go batlisisa ka yone go fitlhela a ya go bona maina a ga Tlamelo Moagi le Mogae Sono a kgomareditswe kwa diofising tsa ga Molaodi, mme are se e le sekao sa gore ba pegile lenyalo la bone ka kgwedi ya Phukwi a le masome a mararo le bongwe, mme ba tla folosa ka kgwedi ya Phatwe a le masome a mabedi le botlhano. Letshwiti a re, ke ka jalo a neng a ya go ikuela kwa kgotleng. Ko bokopanong  jwa gagwe le Tlamelo kwa kgotleng kgolo ya Mochudi beke e fetileng, Tlamelo o ne a supa fa Hendrick Letshwiti ele monna wa gagwe ebile o mo ntsheditse magadi. A seka a ganela gape gore, le Mogae Sono le ene ke monna wa gagwe ebile le ene o mo ntsheditse magadi.

Hendrick Letshwiti o kopile lekgotla go emisa kgang e, gore a akaretse batsadi ba ga Tlamelo mo go arabeleng ditsheneyeglong tse di alopang. Batsadi bao ke Dolly Moagi le Pilane Ditshweneng ka ele bone ba ba amogetseng madi a bogadi go tswa mo batsading ba ga Hendrick.

Polelo etla tswelela beke e etlang