Naledi

Segwetshana se gata bohutsana

Potso e tlaa nna gore, segwetshana se ke eng. Segwetshana se, ke bogobe jo bo tsentsweng ditlhatshana (melemo) dingwe tsa Setswana

Bogobe jo, bo a apewa, bo butswe, le fa gone bo sa wele sentle. Fa bo se na go butswa, go bidiwe bana ba tle go ja. Ga e re go jewa, go tsholwe; go jelwa fela mo potwaneng e e neng e apeile. Bana ba ja ka go tlhomagana ga bone. Go ja yo motona pele mme a latelwe ke ba bannye, (bomonnawe) le bone ba ntse ba tla ka go tlhatlologana ga bone. Fa go na le wa mosimane, ene le fa a le monnye mo go ba basetsana, o ja pele. Ka ke monna, ga twe ke ene rraabo, o tshwanetse go ja pele ga basadi le bomonnawe.

Jaaka re setse re buile, bana ba botlhe ba a ja, ba jela mo potwaneng e e neng e apeile. Ga go na ope yo o jelang, kana yo o tsholelwang, go sele. Sengwe gape se se dirwang ke gore, motho fa a se na go tabola la ntlha, o tsenya mo ganong mme ga a metse; o hupa fela, a bo a bile a a kgwa jone bogobe joo. Ga  twe go dira jaana, o kgwa  bohutsana  A se na go kgwa jalo, ke gone jaanong, a tlaa nnang a tabole, a tlhafune, a metse.  Selo se sengwe ka segwetshana ke gore, ga se jelwe go kgora. Ngwana o  tlopola, lopola fela, a tlogelele ba bangwe gore le bone ba nne ba tlopole. Godimo ga moo, bogobe jo, ga bo falwe/jewe bogogo; go jewa bone fela. Gape, fa  bo ka sala, jwa se ka jwa fela, ga bo jewe ke ope, bo a latlhiwa. E ne e le jwa bana bale fela .

Ka loso lwa Setswana lo phuthegelwa ke morafe, batho ba ba ntseng ba tla go tshedisa, ba a bo ba ntse ba le foo. Le fa bangwe ba ka tsaya gore segwetshana ke kalafi  ya Setswana, e tshwanetse go nna sephiri, ga go a nna  jalo. Segwetshana ga se fitlhiwe, se jelwa fela fa pele ga morafe o. Fa o botsa gore, se jelwa eng, ga twe, segwetshana se gata bohutsana, se lebatsa bana motsadi wa bone yo o ba tlogetseng. Ga twe fa ba sa se je, dipelo di tlaa nna di mo gopotse mme bana ba tshelele mo bohutsaneng.