Naledi

A tlhalano e siame?

Go na le gore re tseye tsia nyalo ya bao ba ba nyadisitsweng kwa kerekereng mme ga ntsi re dira jalo re setse tsamaiso ya go gakololwa le go kwadisiwa ka fa tsamaisong ya molao ya lefatshe la Botswana, mme moago re itlhophele gore a re tla segofadiwa ke moruti wa kereke efe.  Bakeresete ba ba nyalanang ba tshwanetse ba bo ba ineetse mo go Jehofa e bile ba mo rata ka pelo yotlhe. Fa re leba nyalo ka sekeresete, Modimo o ne a dira thulaganyo ntsha ya go fedisa dingwe tse dineng di letleletswe ke Moshe, dingwe tsa tsone dine tsa senoga fa Jesu a ne a araba potso e Bafarasai baneng ba mmotsa yone mabapi ya go tlhala.

Jesu o ne a araba ka gore, dilo tse Moshe a neng a di letleletswe, di ne di sa nna jalo go tswa kwa tshimologong. Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go latela thulaganyo efe ya lenyalo? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanya ka eng pele a ka tlhala molekane wa gagwe? O tshwanetse go dira eng gore kamano ya bone e nonofe. Kana o tshwanetse a nyala mosadi o mongwe gape go leka go baakanya seo a sa se kgotsofaleleng mo mosading wa ntlha? Mme fa motho a tlhala molekane wa gagwe fa e se ka lebaka la boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo dikobo, ga a gololesega go nyala gape. (Math. 19:9)

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore a o tla tsena mo lenyalong kgotsa jang. Moaposetoloi Paulo o ne a buelela go sa tsene mo lenyalong; le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ka ntlha ya go anama ga kgokafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” Gape o ne a oketsa ka go

re: “Fa ba se na boikgapo, a ba tsene mo lenyalong, gonne go botoka go tsena mo lenyalong go na le go fisiwa ke kgotelo.”  A re sekasekeng kgakololo ya Dikwalo e e ka thusang banyalani ba Bakeresete gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tsa go tshela mo “metlheng ya bofelo,” e mo go yone banyalani ba le bantsi ba nang le mekgwa e e dirang gore manyalo a bone a se ka a atlega. (2 Tim. 3:1-5)