Naledi

Dikgosi di bula magodimo

 

Go utlwa se, Batswana ba solofela thata mme fela, ba fela pelo gore, e tlaa na leng.

Mme go lebega fa jaanong ba lebile kwa masimo le kwa merakeng, ka ke eo e gorogile.

Se jaanong se busetsa Batswana kwa tumeleng e le ya bone ya bogologolo e dikgosi di neng di itsiwe thata ka go nesa pula. Nako eo, gatwe pula e ne e ka se ne pele ga dikgosi di bolotsa letsema. Ke sone se e rileng beke pele ga letsatsi la boipuso, Batswana ba bolelelwa gore, letsema le buletswe ka go solofetswe pula go na.

Kwa Kweneng, e rile Kgosi Kgari III a bolotsa letsema, a tlatsa ka gore, kgaolo yotlhe ya Kweneng, e tshwanetse go nna phepa.

A re, bogologolo go ne go ntse go nna fela jalo. E rile go supa se, a etelela morafe wa gagwe, a gagaola motse wa Molepolole, a na le basimanyana ba ba iseng ba huhumele mapai le makgarebe. O ne a dira jaana ka dipheko tsa Setswana tse di itsiweng ka go tlhatswa naga. Tiro e ya go gagaola kgaolo ya Kweneng, e ne e kopanye le go sela dibeela, tse go dumelwang fa e le tsone gantsi di kgoreletsang pula go na ka di lebega jaaka difatlhi.  Kgosi o ne a bolela fa e tlaa re morago ga go phepafatsa naga kwa masimo, pula e ne.

Kgosi Kgari o ne a bolela fa phuthego e, e le e e faphegileng, ka jaanong a tsile go bolotsa letsema gore Bakwena ba ye go baakanya, ba agelele digotlo le masimo, ba ntshe makabu, go ipaakanyetsa temo ka pula e gorogile. Kwa Kanye, Kgosi Malope II, le ene a bulela letsema, a ntse a gatelela gore, pula e setse e gorogile, mme Bangwaketse ba lebe kwa ba yang go baya tema teng go ya go baakanya. A digela ka gore, jaaka a bolotsa letsema jaana, o sutela pula e e tlaa reng go ise go fete malatsi ape a mantsi, e bo e na. Phuthego e ne ya phatlalala Bangwaketse ba dumela fa ruri pula e gorogile.

Motshwarelela bogosi jwa GaMmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, le ene a gata fela jalo. A bolela fa nako ya pula e gorogile, mme a biditse phuthego go tla go bulela letsema.

A kopa gore, a Bangwato ba ye go baakanya masimo le digogi ka magodimo ke ao a bulegile gore go lemiwe, tlala e se ka ya apara Babinaphuti, ka letlhodi le tlaa dika le le lentsi.