Naledi

Re akgola OP le SADC

Bangwe ba ne ba lela ka go sa itsisiweng nako ele teng go ithulaganyetsa dipolelo tsa bone le ditshwantsho.

Fa bangwe bane ba ngongoregela gore go fenya bobegadikgang jwa makalana a puso fela. Mo bangweng ba babegadikgang, kgangkgolo ene ele letlhoko la ditsompelo tsa go ka fitlhelela mafelo a a nang le boremelelo jwa dikgang tse di itebagantseng le tse di tlhokwang ke lekalana le la SADC.

Jaanong, kakgolo ya rona e itebagantse le maiteko a a dirilweng ke lekalana le, ka go bona botlhokwa jwa go dirisana le lekalana la ofisi ya ga Tautona le le itebagantse le merero ya bobegadikgang.

Moso wa maabane lekalana le, lene la jela nala ofisi ya Mmegi ka maikaelelo a go tlhatswa ketseetsego eo. Lekalana le, lene gape la amogana ka fa dikgaisanyo tsa 2018, dii tlaabong di rulaganngwa ka teng.

Se ka bo sone ke maiteko a magolo ele ruri, go bo lekala la puso le bone gole botlhokwa go ntshana se inong ka merero e tshwana le e, e tota maikaelelo eleng go tlhabolola bobegadikgang jwa kgaolo ya Aferika Borwa ka kakaretso. Go sa kgoboleng lobadi, go ntse go na le phefo e e fokelang ntlha tsotlhe ya go sa lebaneng sentle ga babegadikgang ba makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi, mme bokopano jwa maabane ke tsholofelo ya tse dintle tse di tla tsa tirisanyo mmogo magareng ga puso le bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi.

E ntse ele mo bokopananong joo, dingwe tsa dintlha tse di botlhokwa tse di ntseng di baya babegadikgang ba ba ikemetseng ka nosi ka fa mosing, mabapi le go sa tlhodumeleng dikgang ka phithelelo e e tseneletseng, ke go bo go na le tiego ya dikarabo go tswa kwa makalananeng a a lebaneng a puso.

Menwana gantsi e supa tiego ya diphetolo tsa dipotso tse di itebagantseng le dikgang tsa moruthutha, tse gongwe tse di ka thusang babegadikgang ba ba ikemetseng ka nosi go fitlhelela maikaelelo a bone a go kwala dikgang tse di tlhwatlhwa, tse ko pheletsong di ka ba kgontshang go tsenelela dikgaisanyo di tshwana le tsa SADC.

A jaanong re le baokamedi ba maphata a puso re ithulaganyeng sentle mme re tsibogeleng go dirisanya sentle le bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi go sena tiego.