Naledi

Lefoko leo ke leina la molora

Loeto lo, e ne e se lwa go ya go aramela ope mosi wa ‘kgong tse di metsi.

Ke gore, go ne go se sepe sa molato se se neng se emeleditse mopalamente go tsaya loeto lo, kgotsa sepe se se molato se a neng a ya go se arabela koo. E ne e le loeto fela lwa gale le gale, lwa go ya go lekola kgaolo, le go e lekodisa ka tsa palamente.

Go kaega fa ka nako ya loeto lo, palamente e ne e sa tswa go wela. Mo go raya gore, go ne go na le dingwe tse di neng tsa buisanngwa kana tsa dumalanwa kwa palamenteng mme mopalamente a ne a di tshotse mhago, go ya go di rolela morafe wa Gakhibane. Go bonala loeto lo, e ne ya nna loeto lo lo monate thata, lo lo neng lo se na dipe difatlhi kgotsa dilo dipe tse di maswe.

Ba Gakhibane, ba itumela go bona mopalamente. Ga twe fa ba mo itekodisa, ba akgolela puso go bo e leka ka natla go bona gore Batswana ba nna le bonno jo bo ba nayang seriti le go agela ba ba kobo dikhutshwane matlo.

Gape ga twe ba itumelela ntlwana ya borutelo e e mo motseng oo. Go bolelwa fa ntlwana eo, e tlaa bo e rutela bana ba ba baakanyediwang go simolola lokwalo lwa ntlha (Std 1). Ba galaletsa thulaganyo e, ba re e thusa bana go nna le lesedi la gore sekole ke eng, le gore go dirwa eng koo, pele ga ba se simolola.

Polelo e ya loeto lwa mopalamente kwa Gakhibane, re e begelwa ke Dikgang (Daily News / Lwetse 12 2017). Fa e bua ka mosepele wa ga mopalamente, Dikgang ya re;

‘Rre ..... omo kgaolong ......go lekodisa batho ba kgaolo.....ka ditshwetso tsedi dumalanweng kwa palamenteng.......’

Polelo e, e na le diphoso tse dintsi thata tsa mafoko a a sa kwalwang sentle, nngwe ya tsone e le lefoko ‘omo,’ le le fa godimo fale. Phoso ke eng ka lefoko le? Phoso ke gore, e rile boemong jwa gore go twe, ‘......o mo.....’ ga bo go twe, ‘omo,’ go kwalwa leina la molora o o boupi, o bangwe ba reng o itse go tlhatswa thata. Ke sone se re reng, le le kwadilweng leo lefoko, ke leina la molora, e seng mafoko a a neng a tshwanetse go kwalwa.