Naledi

Banana ba atla diphologolo

 

Mogwanto o, o oneng o simologa kwa lebaleng legolo la sechaba la metshameko, go ralala marekisetso a magolo a Gaborone, o ne o rulagantswe ke Thea Khama, yo eleng morotloetsi wa mogwanto o, o o bidiwang gotwe, Global March for Elephants, Rhinos, Lions.

Ya bo e ne ele ka dinako tsa makuku a matlhatso, fa go ne go supagala fa bontsi e ne ele banana ba dikole tsa mephato e e kwa tlase le ba mephato ya tse dikgolwane.

Mogwanto o, o ne o ipelelwa ke mafatshe go ralala lefatshe ka bophara, mme o tshegeditswe ka setlhogo se sereng #lentswe le le lengwe, lefatshe le le lengwe. Mono Botswana, Thea Khama o ne a gwetlha banana go kwala melaetsa e e itebagantseng le go supa lorato mo diphologolong le go di sireletsega.

Ka maiteko a go ngoka banana, Khama yo gape eleng mohumagadi wa ga Tona Tshekedi Khama, eleng Tona ya Lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala, o ne a gwetlha banana go simolola go kgatlhegela go tlhokomela le go di sireletsa ka go dira kgaisanyo ya botaki le go kwala melaetsa ka diphologolo.

Bangwe ba banana ba, ba ne ba apere diaparo tse di segilweng ka setshwantsho sa tau fa bangwe ba ne ba tshwantshitse tlou, tshukudu le kgaga.

Bangwe ba banana ba baneng nna le seabe ebile ba tla sologelwa molemo ke madi a a kgobokantsweng, ke ba lekgotla la tshomarelo diphologolo la Children of the Wilderness.

Mangwe a makalana a a tla sologelwang molemo ke dithuso tse, ke a a tlhokomelang le lefelo la ditshukudu la Khama Rhino Sanctuary.

Dikole tsa Nanogang, Legae, Maruapula le St Joseph’s ke dingwe tsa tse dineng tsa kgatlha baatlhodi mo botaking le go kwala melaetsa e e botlhokwa.

Ratoropo wa Gaborone  Kagiso Thutlwe le Tona Tshekedi Khama ba ne ba nna le seabe sa go kgothatsa Batswana go ikitaya ka thupana go sireletsa diphologolo, ba bolela fa go sa direng jalo, dipalo tsa tsone di tla fokotsega mme lefatshe leno le iphitlhela le le kafa mosing mabapi le letlhoko la bojanala.

Ba bile ba bolela fa bojanala ele jone konokono ya itsholelo go itebaganya le dikgwetlho tsa itsholelo mogang teemane e felang.