Naledi

Majeremane a ratile Botswana

 

Go setse gole supagetse ka dipalo tse bathobasweu ba tshologelang mo lefatsheng ka teng gore, le bone ke batho ba ba kgatlhegelang go etela mo Botswana.

Bontsi ba supa fa ba rata ngwao le ditso tsa Batswana mme e bile fa ba le mono, ba remelela thata kwa dikgaolong tota eseng fela kwa makgobokgobong a Okavango kana sekaka sa Kgalagadi, tota le kwa metseng e e mabapi.

Mme gangwe le gape baeng ba, e a re morago ga go nna mo lefatsheng la Botswana ba lele thata fa ba tshwanetse go boela gae, ba tlhalosa ka bontle, kagiso le thokgamo tse di aparetseng lefatshe leno.

Thulaganyo e ya go amogana dingwao tsa mafatshe ka go farologana e tswa kgakala e ntse e le teng, mme ga ntsi baeng ba goroga go tswa kwa Moseja wa mawatle, bogolojang kwa Amerika, Ennyelane, Fora le Jeremane.

Go ya mogolwane wa mokgatlho wa Bana wa Lentswe la Ngwana (Voice of a Child) Mpolokeng Setswammung, a re lefatshe la Botswana le bone go le botlhokwa gore Batswana ba itse ka dingwao tsa mafatshe a mangwe. A re se se thusa thata gore Batswana ba itse merafe le dingwao tsa mafatsheng a sele, e sere gongwe ba etela teng ba tloga ba dira ka tsela e sele, e gongwe e ka tlogang ya ba tsenya mo mathateng.

Fa a bua ka bana ba baneng ba emela go boela kwa lefatsheng la bone la Jeremane ka Labotlhano, Setswammung a re ba itumeletse go etela mo Botswana sebaka sa dikgwedi dile mmalwa.

A re le fa ba ne ba tswa kwa lefatsheng le le humileng la Germany, bana bao, ba ne ba leka ka bojotlhe go ithuta ka go le go ntsi ka ngwao le botshelo jwa Setswana, bogolo jang ka seemo sa loapi e le se ba sa se tlwaelang.

Setswammung o boletse fa bana ba, ba ne ba nna fela mo malwapeng a Batswana, mme ebile ba sena sepe le go nna mo matlong a a magasigasi kana a bahumi. A re supile gore ba na le mowa o montle wa go rata botshelo jwa Setswana. 

A re ba ne ba direla mo mafelong a ditiro ka go farologana jaaka kwa dikoleng le dikokelo. ka ene ele baithaopi go tswa dikoleng tsa bone tse di kgolwane, ka maikaelelo a go thusa fa ditiro di tlhaelang teng. Setswammung yo le ene a neng a nna le mongwe wa bana ba ebong, Joran “Rapula” Schoming, a re o ne a sena mathata ape, mme ebile a ne a aja sejo sengwe le sengwe se ba neng ba se ja.

A re Rapula re o ithutile go apaya ithuta go apaya dijo tsa Setswana ka go farologana. A tlhalosa gore o ne a aja serobe, mogodu, dikgobe, dinawa le bogobe tota, ebile a sa dije ka go di ipateletsa.

A re go dira jalo ga ga Rapula, go ne ga moratisa bana ba mo lwapeng ka a ne a sa supe kgethololo.

Joran Schoming o ne a teilwe leina le lesha la Setswana gotwe Rapula, le go boletsweng fa a ne a le rata thata, ebile a rata go bidiwa ka lone dinako tsotlhe, fela jalo le bakaulengwe ba gagwe ba ne ba sena mathata le go bidiwa ka maina a Setswana.

Fa a bua mabapi le go nna ga gagwe mo Botswana, Rapula o boletse fa ba itumeletse thata go nna mo Botswana, a re pele ga batla Botswana, ba ne ba sa itse lefatshe le gotlhelele, fela ba fetile ba lemoga tshiamo ya Batswana fa ba goroga.

A re ba itumetse thata go bona ka fa Batswana ba ba amogetseng ka teng. O ne a bolela gore le one malwapa a ba neng ba nna mo go one a ba tshwere sentle, ka bagolo ba supile fa e le batsadi ba ba itseng go tlhokomela bana, a re ba tla a tswelela ba tshwaragana le malwapa a ba ntse ba le kwa Germany.