Naledi

Bo�sugar mommy� ke bao

SENEPE: EXPOSEDAFRICA.COM
 
SENEPE: EXPOSEDAFRICA.COM

Naledi e sekaseka ditiragalo tsa marato a, mme e lemogile fa bontsi jwa one a na le sebe mo dikgotlhang tsa malwapa, tota le a banyalani. Bo sugar mommy ba, bontsi ya bo ele ba ba nyetsweng mme gongwe banna ba bone ba ilwe lejwa kana ba le bokgwela, fa bangwe ba tlhokafaletswe ke banna. Bangwe yaabo ele ba gongwe ba fetilweng ke nyalo mme ba ikanye go tsikitliwa ke basimanyana mme ba ba oke ka dimonate jaaka madi, diaaparo le dikoloi.

Bosheng go nnile le dipolaano tse dineng di ama bo sugar mommy jaaka ba itsege. Mosimane a bolae mma sukiri mme morago a ipolae. Se e le ka ntlha ya go fela ga lorato le mosimane a ntseng a le akola. Mma sukiri ka fa go le lengwe, o akola monana ka molemo wa botshelo fela mme ere a mo akantse, a tlhakanye tlhogo.  Le fa marato a gantsi a bonala a le monate mo go boo babedi, bontsi jwa one a felela ka kutlobotlhoko mme mosimane a fetoga mmolai. Mo mekgwatlheng mabapi le kgang e, Naledi e botsa Batswana bangwe gore tota se se rotloetsang marato a mothale o, ke eng. Bangwe ba ile ba bolela gore marato a, ke a nakwana le gore ga go ope yo o ka le tsayang tsiya gotlhelele, go akaretsa le bone ba ba mo go one tota. Ba re fela mosimanyana ene o a bo a gabile jela mo mpeng le go eletsa go dirisa tsa mosadimogolo.

Ngaka ya Setso, Frank Baliki Motsamai a re go ratana ga mosimane le mosadi a le motona mo go ene, go teng, ebile go tswa kgakala. A re fa gongwe mosadi o a bo a feta monna ka dingwaga di se kaenyana fela, eseng go ratana le mosadi a lekane go nna mmaagwe.

Motsamai a re mosadi o ka feta monna ka dingwaga di ka nna tlhano, mme ba tswelele ba age lelwapa, ba bo ba nyalane go sena bothata bope. A re o kgala thata basadi ba tona ba ba tabogileng le basimanyana mo maratong a thobalo.

Ngaka Motsamai a re go le gantsi, o a tle a ipotse gore basadi ba, ga ba dira jaana, ba a bo ba tlhokile eng tota banna ba le bantsi jaana. A re se se kgopisang bobe ke go bona basadi ba ba nyetsweng ba na le mokgwa o wa go ratana gape le basimanyana. Motsamai a re fa lorato le la bomama sukiri le fela, mosimanyana o a gana, a itse gore o ya go latlhegelwa ke dijo tse a ntseng a tshela ka tsone, eleng madi le dithoto dingwe.

Magosi mangwe le bone ba boleletse Naledi gore marato a a basimanyana le basadibagolo a a ba tshwenya. Ba re mangwe a one a thuba malwapa a le mantsi, bogolo jang mo metseng e metona le ditoropo, ka dikgang tse teng di felela fa pele ga dikgotlatshekelo.

Kgosi ya motse wa Matebele, Bethuel Ndaba a re basadi ba tshwanetse go itlotla thata, a re ga a gane gore monna o ka fetwa ke mosadi mo leratong, mme eseng fela gore mosadimogolo yo o lekaneng go nna mmaago mosimane, a bo a huhumela lepai le ene. A re selo se ke bosutlha fela jo go seng ope yo o ka bo ganetsang, a tlatsa ka gore marato a ke dintwa fela letsatsi le letsatsi ka gore mosimannyana ga a bona mosadimogolo a na le banna ba ba tona, o a lwa.

Fela jalo, le mosadimogolo ga a bona mosimanyana a na le balekane ba gagwe, o alwa ka a akanya gore mosimanyana o tloga a bona molekane. Ndaba o ne a tswelela a re o kopa gore basadi ba ba nyetsweng le bone ba tlogele mokgwa o, mme ba lebagane le banna ba bone, ka go taboga le basimanyana go thuba malwapa le go senya manyalo fela a go ntshitsweng dikgomo tse dintsi.