Naledi

Thuto ga e golelwe

Se ga se kgang, mme se se botlhokwa ke go re re lemoge fa lekalana leo le santse lele botlhokwa thata mo matshelong a rona. Bangwe ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong fa ba kgothaletswa go tsenelela lenaneo le, fa bangwe bone ba  kgonne go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go itse go bala le go kwala. Jaanong, a re lebeng makalana a mangwe jaaka a BOCODOL, le botlhokwa ja nna teng ga one.

Re leka go kgothatsa Batswana gore, fela jaaka bontsi jwa rona re sa kgona go falola mephato ya rona ya dikole tse di kgolwane, go botlhokwa gore Batswana ba inaakanye le sekole se sa BOCODOL, gore mogang ba amogelwang teng, ka dithuto dipe fela tse ba eletsang go tsenelela, ba fitlhelele katlego.

Re bona jalo ditiro tsa malatsi ano di batla batho ba ba dithuto di seng kwa tlase ga Form 5, mme e bile, puso le yone e rotloetsa gore fa moithuti a feletse ka lekwalo le la form 5, a netefatse gore o atolosa dithuto tsa gagwe ka go dira tse di kgolwane jaaka tsa tiro ya diatla kana tsa dibalamakgolo/dikhomputara.

Gona le dithuto tse dingwe gape jaaka tsa bojanala le tse dingwe fela jalo, mme se se botlhokwa ke gore a re tlhwaafaleleng thuto le fa re setse re godile ka dingwaga. Ditshono tse dingwe, le fa ole motona ka dingwaga, di ka go sologela molemo fa o kile wa leka go itlhatlosa.