Naledi

A re ele tlhoko fa re kwala

Go ya ka pego, Mogokgo o ne a lela thata ka modumo o go bolelwang o diragala gaufi le sekole, o dirwa ke marekisetso a bojalwa le dikereke dingwe. Mme o nne maswe thata ka mafelo a beke.

Modumo o, o bolelwa o kgoreletsa bana go ithuta, e bile o tlhobaetsa babereki boroko. Gore bana ba ithute sentle, ke gore go bo go didimetse, go se na modumo fa tlase ga bone. Fa o le teng, e nne o o kwa tlase, e seng wa go ba itaya tsebe.  Le fa bana ba iteega tsebe jaana, maduo a sekole one a bolelwa a tokafetse ka se dikile se tsere maemo a bosupa mo dikoleng tsotlhe, mme sa tsaya a bobedi mo kgaolong ya Legare (Central District).

Se, se monate ka se supa gore bana ba a iteka, ga ba nne le seipato sa gore ba itewa tsebe ke modumo wa bojalwa le dikereke.  Fa go ntse go tsweletse, ga tsena kgang ya motlakase le metsi.

Ga twe modiri mongwe wa motlakase a bolela fa bana ba sekole ba senya thata, bogolo jang dilo tsa motlakase le metsi.

Kgang e ya loeto lwa ga mopalamente kwa Letlhakane re e begelwa ke Dikgang (Daily News, Mosupologo Seetebosigo 19 2017) Fa e bua ka fa bana ba senyang ka teng, Dikgang ya re; ‘Modiri wa motlakase.....o ne a supa fa go na le tshwenyo e ntsi e e digwang ke bana ba sekole mo dilong tsa motlakase le metsi.’

A o tsentse temana ele matlho, wa bona mafoko a a mo go yone? Wa reng ka one? Re a tle re bue gore, e a re re ntse re bala Setswana, re bone mafoko mangwe a a sa kwalwang sentle mme re amogele gore ke phoso.  Re re, gongwe monwana o ne wa relela, kgotsa mogopolo wa eta, mme phoso ya direga. Gape re re, diphoso tse dingwe tsone ga se tse re ka di tlodisang matlho ka di a bo di le kgakala thata le se se buiwang. Nngwe ya diphoso tseo, ke e re e bonang gompieno jaana.

Fa re leba temana ele, re bona e ka bo e re ‘.....tshenyo e e dirwang.....’  Boemong jwa seo, ya re, ‘tshwenyo e e digwang.’ Mafoko a, a kgakala thata le se e leng sone. Mme re wele re re, a e re re kwala, re ele tlhoko thata gore re kwala eng; e seng jalo, re ka latlha ba bangwe.