Naledi

Sephiri ke sa eng?

E setse ele selomodiro gore ngwaga le ngwaga ka diphuthego tsa makgotla a, go nne le bagwe ba ba tlaabong ba supa fa ba sa eletse go etelelwa ke bao ba ba tlaabong ba ba tlhophile ngwaga o simolola.

Kana re bua ka sebaka sa ngwaga fela, mme motho o ka ipotsa gore ke eng se dikomiti di ka se dirang go leka go tlhabolola metshameko kana mananeo a one  mo sebakeng sa ngwaga.

Tota le mo maemong a sepolotiki, sekai ele makhanselara, ba gantsi ba tlhophiwang ka maemo a bone a bonnasetilo a sebaka sa dingwaga tse pedi. A mme ba ka kgona go atlega mo maikanong le maikaelelong a bone?  Ke eng ba sa fiwe sebaka sa dingwaga tse tlhano mo maemong a bone a boeteteledipele? A jaanong re itebaganye le lekgotla la motshameko wa JUDO  mono Botswana.

Ngogola komiti ya lone ene ya aperelwa ke dipuopuo tsa maraganateng tsone ele tsa go sa direleng mo pontsheng ditiro tsa lone.

Gone ga umakega dikgang tsa molaomotheo o bale bantsi baneng ba bolela fa o ne o segela bangwe ka fa lefureng.

Bobegadikgang le jone bone jwa leka go tsibogela dikgang tsa dinonyane tsa lekgotla le, mme le bone bogogi jwa JUDO ka nako eo, jwa leka go ikgabetsa.

Se jaanong eleng kgwetlho ke gore, go lebega bangwe ba maloko a komiti eo, bane ba seegelwa fa thoko ke Lekgotla la BNSC mo boemong jwa komiti ya JUDO.

Go setse go fetile ngwaga le sephatlo leloko leo le sekegilwe mme go sena tlhalosa le bokhutlo jwa molato wa gagwe.

Se se makatsang gape ke gore, go bile ga tlhophiwa komiti e ntsha ya komiti eo ya JUDO, mme ga tlhophiwa maloko a mangwe a go utlwalang a ne a na le seabe mo di kgarurung tsa pele.

Jaanong re botsa gore sephiri ke sa eng go ne go sa lalediwa babegadikgang mo phuthegong ya ditlhopho tsa komiti ya JUDO ya monongwaga le gore ditharabololo tsa ngogola di rarabolotsweng jang?