Naledi

Mohumagadi ga a bidiwe ka leina la ga kgosi

Ga twe basadi ba, ba eteletswe pele ke Mohumagadi Peggy, e leng, mosadi wa ga Kgosi Kgari 111.  Go bolelwa fa basadi ba ba eletsa go lema ditlhare go kgabisa motse wa Molepolole. Mme e se seo fela; mogopolo gape e le go leka go fokotsa dithole tseo ka go di sira ka ditlhare.

Potso e ka nna gore, ka Molepolole ke motse o motona, e bile nako le nako batho koo ba lela ka lenyora, ditlhare tse, di ya go lengwa fa kae, di nosediwa ka eng. Ka maano a botshelo ga a site, ga twe mogopolo ke gore, go lengwe ditlhare tsa tlholego tse di sa tlhokeng metsi a a kalo go tlhokomelwa.

Go bolelwa fa mafelo mangwe a ditlhare di tlaa lengwang mo go one e le kgotla kgolo ya Bakwena, dikole le ditsela tsa motse, mme go kopiwe morafe gore, gongwe le gongwe fa di leng teng, di tlhokomelwe.

Kgang e, ya go lema ditlhare kwa Molepolole, re e begelwa ke Dikgang (Daily News/ Mosupologo Phatwe 07 2017). 

Fa e bua ka fa mogopolo o wa go lema ditlhare o neng wa rolelwa Bakwena ka teng, Dikgang ya re;‘ …..Mohumagadi Mma Kgari wa boraro o tlhalositse fa …..motse wa Molepolole …..o itsege….. ka go tshabelelwa ke diphefo tse di dirang lerole mme…..ba tshwanetse go tlhabolola motse ka go lema ditlhare.’  Temana e ya re go ne go bua Mohumagadi Mma Kgari wa boraro, yo kwa tshimologong ya  pego a bidiwang Mohumagadi Mme Peggy Kgari 111.

Gompieno Mmualebe o batla go gakolola gore, mohumagadi (mosadi wa ga kgosi), ga a bidiwe ka leina la ga kgosi, jaaka re utlwa go twe Mma Kgari wa boraro, Kgari wa boraro e le leina la ga kgosi.  Mohumagadi o bidiwa ka leina la gagawe fela.

Sekai ke gore, Kgosi Kgari Sechee 11, yo o tlogetseng Bakwena ka ngwaga wa 1962, o ne a nyetse mosadi a bidiwa Gagoumakwe.  Gongwe le gongwe, Mme Gagoumakwe, o ne a itsiwe e le mohumagadi, a bidiwa jalo. Mme fa go tla gore a bidiwe ka leina, go twe Mohumagadi Gagoumakwe; e seng Mohumagadi Mma Kgari Sechele 11.

Gongwe le gongwe go ntse jalo, mohumagadi o bidiwa ka leina la gagwe fela, ga go tladiwe ka la ga kgosi. Jalo he, a e re re bitsa mohumagadi wa Bakwena wa nako eno, re re, Mohumagadi Peggy mme re felele fela foo.