Naledi

Mosadi o nyetswe ke banna ba babedi

Hendrick Letshwiti le bahumagadi ba gagwe ebong Shala Letshwiti ka fa mojeng le tlamelo Moagi mo molemeng
 
Hendrick Letshwiti le bahumagadi ba gagwe ebong Shala Letshwiti ka fa mojeng le tlamelo Moagi mo molemeng

E rile bosheng, Naledi e ne ya gatisa polelo e mo go yone rre Hendrick Letshwiti wa Mogobane, a neng a kopa Lekgotla la Setswana la Mochudi go laela batsadi ba mosadi yo a neng a mo nyetse go mo duela madi a magadi.

Letshwiti, yo mo bogompienong a nyetseng mosadi wa gagwe wa ntlha Shala Letshwiti, o ne a bolela fa a setse a ntsheditse Tlamelo Moagi magadi mme go setse fela gore ba tle ba keteke lenyalo la bone ka tsamaiso ya kereke ya bone ya International Pentecostal Holiness Church (IPHC). Tlamelo o ne a tlaabo a nna mosadi wa bobedi wa ga Hendrick.

Letshwiti yo o dingwaga di masome mane le borataro (46) o ne a dumalana le mosadi wa gagwe wa ntlha Shala gore a mo letle go nyala Tlamelo mme ba dumalana, se gape ele ka tetlelelo ya kereke e bobedi bo e tsenang, ga mmogo le ene Tlamelo.

Hendrick o ne supa ka monwana mmaagwe Tlamelo, eleng Dolly Moagi le rraagwe Pilane Ditshwene ka monwana a re ba amogetse magadi a monna yo mongwe eleng Mogae Sono ba ntse ba itse go re (Hendrick) o tshwanetse a mo nyale.

Sono o ne a ntsha P20,000 ele magadi a go nyala Tlamelo, ntswa a setse a nyetswe ke Hendrick.

Kgang e, ko tshimologong e ne ele gore Henderick Letshwiti are Tlamelo Moagi mosadi wa gagwe wa bobedi, a buse ditshenyegelo tsa gagwe tsa Magadi le madi a tente.

Beke e e fetileng kwa kgotleng kgolo ya Mochudi, tsheko ene ya tswelela jaaka Hendrick a ne a gatelela gore Pilane Ditshwene le Dolly Moagi ba buse madi a ditshenyegelo tsa gagwe tsa madi a Magadi le tente.

Henderick, yo aneng a patilwe ke mogolowe Letshwiti Letshwiti le mosadi wa gagwe wa ntlha Shala Letshwiti, bone ele basupi ba gagwe.

Mogolowe Hendrick, eleng Letshwiti o ne a fa bosupi ka seo se diragatseng fa monnawe a ne nyala Tlamelo. O tlhalositse fela jaaka polelo ya ntlha e ne e bolelwa ke Hendrick.

A re monnawe eleng Hendrick le mosadi wa gagwe wa ntlha Shala Letshwiti, ba ne ba mo itse fa ba dumalane gore Hendrick a nyale Tlamelo ele mosadi wa bobedi.

Oboletse fa ane a dumalana le bone mme moagonyana ga dirwa morero fela sentle wa Setswana, A re batsadi botlhe ba gorra Letshwiti le borra Moagi go fitlhelela tumelano.

O tsweletse a re ditumalano magareng ga batsadi boo babedi, e ne ya gore mokete wa lenyalo o tla go feleletswa kwa kerekeng ya IPHC.

Mosadi wa ga Hendrick wa ntlha, Shala,  o ne a fa bosupi gore monna wa gagwe Hendrick o ne a bua le ene gore o batla go nyala mosadi wa bobedi.

Mme ba dumalana seo, ebile ba ya go bolela batsadi ba ga Shala kwa Kanye ebong Emmanuel Joseph ele rragwe le Charity Metshe. Are ba ne dumalana le bone gore ba tswelele ka maikaelelo a bone a go nyala Tlamelo.

Shala o tsweletse a re pego ya lenyalo ene ya tswelele ebile tiro ene e segofaditswe ke batsadi ba ga Hendrick eleng Motlhapong Letshwiti le Letshwiti Letshwiti, ene e le mogolowe o motona ebile gape  ba mo tsaya jaaka rraabone ka jaana rraagwe Hendrick a sa tlhole ale mo botshelong.

Shala o boletse fa ka nako nngwe bane ba ya Aferika Borwa le Tlamelo go mo rola kwa Kerekengkgolo.

A re Tlamelo o ne a dumela go nyalwa ke Hedrick e le mosadi wa bobedi.  A re Tlamelo o ne a busetswa kwa ga gabo go santse go emetse go wediwa dithulaganyo tsa kereke mme a tlhokomelelwa koo, kamadi a P1000 a dijo tsa kgwedi le kgwedi sebaka dikgwedi tse pedi.

Shala o boletse fa lebaka le lengwe ene ele gore mmaagwe Tlamelo ebong Dolly o ne kopa gore batla Tlamelo a tle gae go mo tlhokomelela ntlo ya gagwe kwa Mochudi, ka ane a sa ntse a le ko mmerekong kwa Mahalapye.

A re ka ane a na le lorato le lentsi mo go Tlamelo, le fa e ne e le mosadi wa bobedi wa monna wa gagwe,o ne a seka a nna pelo tshetlha mme ba rekela Tlamelo diabe tsa madi a kanang pula tse dikete tse tharo(P3000) kwa Botswana Stock Exchange.

Fa Shala a sena go fetsa ka bosupi, lekgotla la lebisa kgang Tlamelo, mmaagwe eleng Dolly le Rraagwe Pilane.

Rre Pilane Ditshwene ene o boletse fa pele ga lekgotla gore o dumalana le Hendrick Letshwiti mme e bile a sena dipotso.

Tlamelo le mmaagwe Dolly, bane ba dumela fa ba tsere madi a magadi a ga Hendrick. Dolly o ne a dumalana fa a amogetse magadi a ga Mogae Sono a dipula dile masome a mabedi (P20,000).

Lekgotla le laetse Pilane Ditshwene le Dolly Moagi go busa madi a ga Henderick Letshwiti a magadi a kanang ka P12, 500 le P10, 000 wa tente e e neng e dirisiwa kwa goora Moagi mo Mochudi nako ya lenyalo.

Mme ka jalo Dolly o boletse fa a sena madi ka nako eo, ka a a dirisitse, a bolela fa a sa kgona go a boloka.

Lekgotla le boletse gape, gore le fa go ntshitswe magadi a bobedi, lenyalo la bobedi  ga le a tswelela ka mabaka a  gore Hendrick le shala ba ne ba le imisa kwa ga molaodi le sena go pegiwa.

Hendrick le Shala ba boletse gore ba  dirile jalo ba sena go utlwa ka lenyalo la bobedi ka monnaabone kwa kerekeng.

Ba re ba ne ba latedisa gore a mme se ba se utlwang ke boammaaruri mme ba fitlhela maina a ga Mogae Sono le Tlamelo Moagi a pegilwe kwa ga molaodi

Ba re bane ba seka ba diega, mme ba ntsha ngongora kwa ga molaodi ebile ba bolela fa ba utlwaltse fa Sono le Tlamelo ba kopile go direlwa nyalo e e faphegileng ka potlako, mme ga seka ga kgonega ka gone go sena mabaka a a nonofileng go fiwa tela eo.

Kgang e, lekgotla le boletse gore e tla tswelela ngwaga e tlang e simolola ka kgwedi ya Firikgong ale lesome le botlhano.