Naledi

Kgabo o atlanya Bakgatla

 

Magosi a morafe wa Bakgatla, ba eteletswe pele ke Mothusa Kgosikgolo Bana Sekai le Segale Linchwe a boleletse morafe mo phuthegong ya kgotla bosheng fa Kgosikgolo Kgafela II a epa pitso kwa Kgabutle.

Ba bolela fa moletlo o e le wa ngwao ya Sekgatla, o ka o ne Mokgatla a batlang go tshwaraganya merafe ya gagwe go tswa mo mafatsheng oo bobedi.

Mothusa Kgosikgolo o boletse gore Bakgatla ke morafe o o ratang le go tlotla ngwao ya o ne thata, mme ebile e le morafe yo o lesego thata ka le ene mong a one, eleng Kgafela II a e rata thata.

Sekai, o ne a gatelela thata a bolela fa bagologolo ba tswa kgakala ba tshegeditse ngwao ka ba itse fa e aga le gone go tshwaraganya morafe go nna seopo se le sengwe.

Kgosi Segale Linchwe o boletse gore tota Bakgatla ba tshwanetse go itse gore lefoko la kgosi le agelwa mosako, eleng seo go leng botlhokwa thata gore Mokgatla mongwe le mongwe a ititeye ka thupana go leba kwa Kgabutle.

A bolela fa loeto e le la kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro, mme mongwe le mongwe a lalediwa go tsaya karolo.

Gone kwa Kgabutle, go boletswe fa go tla a supiwa mefuta yotlhe ya ngwao ya Sekgatla, go tloga fela ka mephato ya banna le basadi, poko, megolokwane le tsone dikopelo tsa Sekgatla tota. Go tlhalosiwa gore Kgosikgolo Kgafela o eletsa gape go supegetsa Bakgatla ba Moruleng ka fa ngwao ya Sekgatla e tshegeditsweng ka teng kwa Mochudi. 

Go ipaakanyetsa letsatsi le la Kgabutle, magosi a kopile ditlhopha tsotlhe tse di amegang go supa ngwao, go ikatisa ka tlhwaafalo, go rotloediwa le yone mephato go ikgata motlhala gore go bonale fa e le masole a morafe tota. Go ne ga gatelelwa thata gore botlhe ba ba eletsang go tsaya karolo mo tirongkgolo e, ba tshwanetse go itshupa ka go ikwadisa mo komiting e e tlhomilweng ko kgotlakgolo ya Bakgatla kwa Mochudi.

Bokgabo ba ile gape ba tiisiwa moko ka go bolelelwa fa tsotlhe di setse di baakantswe kwa Aferika Borwa, go akaretsa le jone boroko tota, se e le go leka go thusa gore ope a seka a sokola ka ntlha ya go tlhoka fa a latsang tlhogo teng.

Morafe o ne wa leboga magosi thata, ba re meletlo e tshwana le wa Kgabutle, e thusa gore ba kgone go kopana le Kgosikgolo ya bone, yo ba reng ba mo tlhwaafalela thata, gammogo le mohumagadi wa morafe Mma Matshego. Ba ne ba solofetsa gore ba tla a itlhokotsa thata gore ba seka ba tloga ba ya go supa sepe se se tla a tlhabisang Kgosikgolo ditlhong.